GENESI 47 - Setswana 1970(TSW70)

Jakobe o dumedisa Farao

1Josefa a ya kwa go Farao, a mo itsise a re: “Rre le bomorwa-rre ba gorogile ba na le matsomane a bone le metlhape ya bone le tsotlhe tse e leng tsa bone, ba tswa kwa lefatsheng la Kanana, ba gorogetse mo nageng ya Gosene.”

2O ne a tsere ba le batlhano mo go bomorwa-rraagwe, a ba isa fa pele ga Farao.

3Jaanong Farao a ba botsa a re: “Tiro ya lona ke eng?” Ba araba Farao ba re: “Rona batlhanka ba gago re badisa ba matsomane jaaka borraetsho.”

4Ba be ba raya Farao ba re: “Re tsile go jaka mo lefatsheng leno; gonne ga go na mafulo a matsomane a batlhanka ba gago, mme tlala e kgolo mo lefatsheng la Kanana. Jaanong ka thapelo, a batlhanka ba gago ba nne mo nageng ya Gosene.”

5Ke fa Farao a raya Josefa a re: “Rraago le bomorwa-rraago ba tsile kwa go wena.

6Lefatshe la Egepeto le go atlanegetse. Rraago le bomorwa-rraago o ba bee mo nageng e e gaisang. A ba nne mo nageng ya Gosene. Mme fa go na le ba ba tlhaga mo go bone, o ba dire baokamedi ba badisa ba ga etsho.”

7Jaanong Josefa a tsaya rraagwe, a ya go mo supa fa pele ga Farao. Ke fa Jakobe a tshegofatsa Farao.

8Farao a botsa Jakobe a re: “Malatsi a bophelo jwa gago a kae?”

9Jakobe a araba Farao a re: “Malatsi a leeto la bophelo jwa me ke dinyaga di le 130. Mme malatsi a bophelo jwa me a ne a le mannye fela, le gona a le botlhoko. Ga a lekane le malatsi a bophelo jwa borre a ba neng ba phela ka ona.”

10Jakobe a sadisa Farao sentle ka tshegofatso, a ba a mo tlogela.

11Josefa a baya rraagwe le bomorwa-rraagwe mo lefatsheng la Egepeto mo nageng e e gaisang e e bidiwang Ramasese ka fa Farao a laetseng ka teng, a ba naya boswa jwa naga teng.

12Josefa a babalela rraagwe le bomorwa-rraagwe le malapa otlhe a bone ka dijo, mongwe le mongwe ka fa palong ya ba ba mo lapeng.

Leuba le a tswelela pele

13Mme ga bo go se na dijo mo lefatsheng lotlhe, gonne tlala e ne e le kgolo thata, mo naga ya Egepeto le ya Kanana di bileng tsa felelwa ka ntlha ya yona tlala.

14Josefa a kgobokanya madi aotlhe a selefera a a leng mo lefatsheng la Egepeto le mo Kanana ka mabele a ba a rekang; a isa madi kwa ntlong ya ga Farao.

15Jaanong e rile madi a sena go fela mo lefatsheng la Egepeto le mo Kanana, Baegepeto botlhe ba tla kwa go Josefa ba re: “Re fe dijo! Kana re na le go swelang fa pele ga gago? Gonne madi a fedile.”

16Josefa a re: “Rekang ka diruiwa tsa lona, fa go se na madi; ke tla lo naya mabele ka tsona.”

17Ke fa ba ntsha diruiwa tsa bone, ba di neela Josefa. Mme Josefa a rekisa dijo mo go bona ka dipitse le diruiwa tsa matsomane le metlhape le diesele; a ba tlamela ka dijo, ba di reka ka diruiwa tsotlhe tsa bone, ka ona ngwaga oo.

18Ya re ngwaga oo o sena go feta, ba tla kwa go ene ka ngwaga o o latelang, ba mo raya ba re: “Ga re kitla re lobela morena wa rona go re, ka madi a fedile le diruiwa tsa diphedi e le tsa morena wa rona, ga goa sala sepe se re ka rekang dijo ka sona mo moreneng wa rona, fa e se mebele ya rona le masimo a rona.

19Kana re tla bo re swelang fa pele ga gago, rona le masimo a rona? Re reke le masimo a rona ka dijo gore re nne batlhanka ba ga Farao, rona le masimo a rona. Fela re fe peo gore re phele, mme re se ka ra swa, le masimo a se ka a fetoga naga.”

20Josefa a rekela Farao naga yotlhe ya Egepeto, gonne Moegepeto mongwe le mongwe o ne a rekisa tshimo ya gagwe, ka tlala e ne e ba imela mo go botlhoko. Mme lefatshe ya nna la ga Farao.

21Fa e le batho a ba hudusetsa kwa metseng mo lefatsheng lotlhe la Egepeto.

22Fela masimo a baperesiti a se ka a a reka. Gonne baperesiti ba ne ba amogela tuelo e e tlhomameng mo go Farao, ba ja tuelo ya bone e e tlhomameng e Farao a e ba nayang. Ke ka moo ba se kang ba rekisa masimo a bone.

23Ke fa Josefa a raya morafe a re: “Bonang, ke lo reketse Farao kajeno le masimo a lona. Bonang, peo ya lona ke e! Jaanong yaang go jwala kwa masimo.

24Mme e re lo roba, lo neele Farao karolo ya botlhano. Dikarolo tse nne e tla nna tsa lona, e le peo ya masimo le dijo tsa malapa a lona.”

25Ba araba ba re: “O re boloketse bophelo. Fa re ka bona bopelotlhomogi fela mo matlhong a morena wa rona, re tla nna batlhanka ba ga Farao.”

26Go ntshetsa Farao karolo ya botlhano Josefa a go dira molao o o laolang masimo a Baegepeto go fitlha letsatsing leno. Ke masimo a baperesiti fela a e seng a ga Farao.

Kopo ya bofelo ya ga Jakobe

27Baiseraele ba nna mo lefatsheng la Egepeto mo nageng ya Gosene, ba e ja boswa, ba ata, ba ntsifala thata.

28Jakobe ene a phela dinyaga di le 17 mo lefatsheng la Egepeto. Malatsi a ga Jakobe a bophelo jwa gagwe ke dinyaga di le 147.

29Jaanong e rile malatsi a go swa ga Iseraele a atamela, a bitsa Josefa morwawe, a mo raya a re: “A e re fa ke bonye bopelotlhomogi mo matlhong a gago, o bee seatla sa gago fa tlase ga letheka la me, o ntirele ka lorato le boammaaruri: Ke a go rapela, se mphitlhe mono Egepeto!

30A e re fa ke sena go robala le borre, o ntlose mo Egepeto, o ye go mphitlha mo mabitleng a bone.” Josefa a araba a re: “Ke tla dira ka fa mafokong a gago.”

31Rraagwe a re: “A ko o ikane!” A ikana, mme Iseraele a inama mo mosamong wa bolao.

Blog
About Us
Message
Site Map

Who We AreWhat We EelieveWhat We Do

Terms of UsePrivacy Notice

2025 by iamachristian.org,Inc All rights reserved.

Home
Gospel
Question
Blog
Help