MIGA 4 - Setswana 1970(TSW70)

Ka ga puso ya ga Keresete

1E tla re mo malatsing a bofelo,

thaba ya Ntlo ya Morena

e bo e tlhomame,

e okame dithaba,

e godisitswe kwa godimo

ga dithabana;

mme merafe e tla phuthegela

kwa go yona.

2Ditšhaba tse dintsi

di tla tloga di re:

“Tlayang a re tlhatlogeleng

kwa thabeng ya Morena,

kwa Ntlong ya Modimo

wa ga Jakobe,

gore o re rute ditsela tsa ona,

re tsamae mo ditselaneng tsa ona;

gonne molao

o tla tswa mo Sione,

Lefoko la Morena

le tswa kwa Jerusalema.”

3Mme o tla atlhola mo gare

ga merafe e mentsi,

a siamisetsa ditšhaba tse di thata

go ya go fitlha kwa kgakala.

Mme ba tla thula ditšhaka

tsa bone megoma,

ba fetola marumo a bone

disekele.

Setšhaba ga se nke se somola

tšhaka go tlhabana

le setšhaba se sengwe;

ga ba kitla ba tlhola ba ithuta

tsa tlhabano.

4Mongwe le mongwe o tla nna

fa tlase ga setlhare sa moweine

sa gagwe

le fa tlase ga setlhare sa feie

sa gagwe,

go se yo o tshosang;

gonne molomo wa Morena

wa masomosomo o buile jalo.

5Gonne morafe mongwe le mongwe o sepela mo leineng la modimo wa ona, mme rona re tla sepela mo leineng la Morena, Modimo wa rona, ka gale le ka bosakhutleng.

Baiseraele ba tla boa mo botshwarong

6 Morena a re: “Ka letsatsi leo ke tla phutha ba ba tlhotsang, ke kgobokanya ba ba lelekilweng le ba ke ba diretseng kotlo.

7Ba ba tlhotsang ke tla ba dira masalela; ba ba katoseditsweng kwa kgakala ke ba dira setšhaba se se thata. Mme Morena e tla nna kgosi ya bone mo thabeng ya Sione go tloga jaanong go ya bosakhutleng.”

8Mme wena sefata sa letsomane, wena thabana ya morwadia Sione, puso ele ya pele e tla fitlha mo go wena, e boela mo go wena, e leng bogosi jwa morwadia Jerusalema.

9Jaanong o goelang thata? Kgosi a ga e na nao? Gongwe a mogakolodi wa gago o nyeletse, mo e bileng o tshwerwe ke matlhoko jaaka mosadi yo o belegang?

10Segwa ke leralalo, morwadia Sione, jaaka mosadi yo o belegang. Gonne jaanong o tla tswa mo motseng, o nna mo nageng, o fitlha kwa Babele. Teng koo o tla pholosiwa; teng kwa Morena o tla go golola mo mabogong a baba ba gago.

11Morago ga moo ditšhaba tse dintsi di tla phuthega, di go tsogela di re: “A Sione a itshepololwe gore matlho a rona a mo lebe ka kgatlhego.”

12Mme bone ga ba itse megopolo ya Morena, ga ba lemoge maikaelelo a gagwe a gore o ba kgobokanya jaaka dingata tsa mabele mo seboaneng.

13“Tsoga o phothe, morwadia Sione! Gonne ke tla go direla dinaka tsa tshipi le ditlhako tsa kgotlho, mme o tla pšhwetlakanya merafe e mentsi, o fisetsa Morena papadi ya bone ya tshiamololo, Morena wa lefatshe lotlhe o mo fisetsa khumo ya bone.”

14Mme jaanong o tla pitlagana, morwadia makoko a ntwa. Mmaba o re dikanyeditse ka go kgobela mmu. Ba tla itaya moatlhodi wa Iseraele ka thupa mo lesameng.

Blog
About Us
Message
Site Map

Who We AreWhat We EelieveWhat We Do

Terms of UsePrivacy Notice

2025 by iamachristian.org,Inc All rights reserved.

Home
Gospel
Question
Blog
Help