DIPESALEME 94 - Setswana 1970(TSW70)

Thapelo ya go gololwa mo go ba ba patikang morafe wa Modimo

1 Morena,

Modimo wa pusoloso,

Modimo wa pusoloso, iponatse!

2Nanoga, Moatlhodi wa lefatshe;

busetsa baikgantshi ditiro tsa bona.

3Baikepi ba tla tsaya sebaka

se se kana kang, Morena?

Baikepi ba tla duduetsa

goleele go le kae?

4Ba phoka lefulo,

ba bua ka makgakga;

badirabosula ba ikgantsha botlhe.

5 Morena, ba šobotla batho ba gago,

ba patika boswa jwa gago.

6Ba bolaya motlholagadi le moeng;

ba gaila masiela,

7ba re: “Morena ga a nke a bona;

Modimo wa ga Jakobe

ga o nke o lemoga.”

8Lemogang,

lona dieleele mo morafeng!

Lona masilo, lo tla tlhalefa leng?

9A ena yo o tlhomileng tsebe

ga a ka ke a utlwa?

A ena yo o bopileng leitlho

ga a ka ke a bona?

10A yo o layang ditšhaba

ga a ka ke a di kgalemela,

ena yo o rutang batho kitso?

11 Morena o itse megopolo ya batho,

fa e le ya lefela.

12Go sego motho yo wena, Morena,

o mo watlhayang,

o mo ruta molao wa gago

13gore o tle o mo nee tapologo

mo malatsing a tlalelo,

go tsamaya moikepi

a epelwe lemena.

14Gonne Morena

ga a nke a latlha batho ba gagwe;

ga a nke a tlogela

boswa jwa gagwe.

15Katlholo e tla boela mo tshiamong;

botlhe ba ba dipelo

di tlhamaletseng ba tla e latela.

16Ke mang yo o tla nkemelang

mo basulatsing?

Ke mang yo o tla mpuelelang

mo go ba ba dirang bosula?

17Fa e ka bo e se Morena

yo o nthusang,

mowa wa me o ka bo o setse

o le gaufi le felo ga tidimalo.

18E ne ya re fa ke re:

“Lonao lwa me lo a theekela!”

bopelotlhomogi jwa gago,

Morena, bo ntshegetse.

19Mo bontsing jwa matshwenyego

a a mo teng ga me,

dikgomotso tsa gago

di itumedisa mowa wa me.

20A sedulo sa moatlhodi sa tshenyo

se ka dumelana le wena,

se se bopang bosula

ka go sokamisa molao?

21Ba ikopanyetsa

bophelo jwa mosiami,

ba sekisa madi a a se nang molato.

22Mme Morena ke phemelo ya me;

Modimo wa me e ntse e le lefika

la botshabelo jwa me.

23O tla ba busolosetsa

tshiamololo ya bona,

a ba fedisa

ka ntlha ya bosula jwa bona;

Morena, Modimo wa rona,

o tla ba nyeletsa.

Blog
About Us
Message
Site Map

Who We AreWhat We EelieveWhat We Do

Terms of UsePrivacy Notice

2025 by iamachristian.org,Inc All rights reserved.

Home
Gospel
Question
Blog
Help