1A nthaya a re: “Morwa-motho, ema ka dinao gore ke bue nao.”
2Ya re a bua le nna, Mowa wa tsena mo go nna, wa nkemisa ka dinao, ka reetsa yo o buang le nna.
3A nthaya a re: “Morwa-motho, ke tla go roma kwa Baiseraeleng, kwa baheitaneng ba e leng barukhutlhi ba ba ntsogetseng; bone le borraabo ba ntse ba ikepa mo go nna go fitlhelela kajeno.
4Bana bao ba difatlhego-di-matepe, ba pelo-di-thatafaditsweng. Ke go roma kwa go bone gore o ba ree o re: ‘Morena Modimo o bua jaana!’
5Gonne bone ke losika lwa barukhutlhi – fela a ba itse gore moporofeti o teng mo gare ga bone, le fa ba utlwa gongwe ba gana. –
6“Wena morwa-motho, se ba boife, se tshabe dipuo tsa bone, le fa ba go tlhaba jaaka ditshetlho le mitlwa, le fa o nna mo gare ga diphepheng; se boife mafoko a bone, se tshoge fa pele ga bone, gonne bone ke losika lwa baitaodi.
7Mme o ba bolelele mafoko a me, le fa ba utlwa gongwe ba gana. Gonne bone ke baitaodi.
8“Mme wena morwa motho, utlwa se ke se buang nao; se ganetse jaaka losika loo lwa baitaodi. Atlhama he, o je se ke se go nayang!”
9Ya re ke leba, ka bona seatla se otlololetswe kwa go nna se tshotse lokwalo lo lo phuthilweng.
10A ba a lo phutholola fa pele ga me, ka fitlhela lo kwadilwe ka fa teng le ka fa ntle, mme go kwadilwe tsa selelo le tsa phegelo le tsa tatlhego mo go lone.
Who We AreWhat We EelieveWhat We Do
2025 by iamachristian.org,Inc All rights reserved.
