DIPESALEME 143 - Setswana 1970(TSW70)

Dafita o kopa gore a gololwe ka bonako mo babeng ba gagwe

1Pesalome ya ga Dafita.

Utlwa thapelo ya me,

Morena, o ele selelo sa me tlhoko;

nkutlwe ka fa boikanyegong

jwa gago le ka tshiamo ya gago.

2Mme o se ka wa seka

le motlhanka wa gago;

gonne ga go na mophedi ope

yo o siameng fa pele ga gago.

3Gonne mmaba

o bogisa mowa wa me,

o gateletse bophelo jwa me

fa fatshe;

o nkagisa mo lefifing

jaaka bona ba ba swetseng ruri.

4Mowa wa me o a felelela;

pelo ya me e gatsetse

mo teng ga me.

5Ke gakologelwa malatsi

a bogologolo,

ke akanya tsotlhe tse o di dirileng;

ke gopola ditiro tsa diatla tsa gago.

6Ke otlololela mabogo kwa go wena,

mowa wa me o go nyoretswe

jaaka lefatshe le le omeletseng.

Sela.

7 Morena, akofa o nkutlwe,

mowa wa me o a idibala;

se mphitlhele sefatlhego sa gago,

gore ke se ka ka nna jaaka bona

ba ba fologetseng kwa moleteng.

8Nkutlwise bopelonomi jwa gago

mo mosong;

gonne ke ikantse wena.

Nkitsise tsela

e ke tshwanetseng go e tsamaya;

gonne ke tsholeletsa mowa wa me

kwa go wena.

9Nkgolole mo babeng ba me,

Morena, ke itiketsa ka wena.

10Nthute go dira se se go natefelang;

gonne o Modimo wa me.

A Mowa wa gago o o molemo

o nkgoge mo tseleng

e e lekalekanyeng.

11 Morena, mphedise

ka ntlha ya leina la gago,

o nntshe mo pitlaganong

ka tshiamo ya gago.

12Mme o nyeletse baba ba me

ka fa bopelonoming jwa gago,

mme botlhe ba ba ntwantshang

o ba bolae;

gonne ke motlhanka wa gago.

Blog
About Us
Message
Site Map

Who We AreWhat We EelieveWhat We Do

Terms of UsePrivacy Notice

2025 by iamachristian.org,Inc All rights reserved.

Home
Gospel
Question
Blog
Help