GENESI 20 - Setswana 1970(TSW70)

Aborahame le Abimelege

1Aborahame a huduga teng, a ya kwa lefatsheng la borwa, a nna fa gare ga Kateše le Sure, a ya go fudisa kwa Gerara .

2Aborahame o ne a bolela ka ga Sara, mosadi wa gagwe, a re: “Ke kgaitsadie.” Ke fa Abimelege, kgosi ya Gerara, a roma, a tsaya Sara.

3Mme Modimo wa tla kwa go Abimelege ka toro bosigo, wa mo raya wa re: “Bona, o tshwanetse go swa ka ntlha ya mosadi yo ò mo tsereng; gonne ke mosadi yo o nyetsweng ke monna.”

4Mme Abimelege o ne a ise a mo atamele; ka moo a botsa a re: “Morena, a o tla bolaya le setšhaba se se siameng?

5A ga ke re, Aborahame o ntheile a re: ‘Ke kgaitsadie.’ Le Sara a re: ‘Aborahame ke kgaitsadie.’ Ke dirile jalo ka pelo e e se nang molato le ka diatla tse di phepa.”

6Modimo wa mo araba mo torong wa re: “Le nna ke itse, fa o dirile jalo ka bosenamolato jwa pelo ya gago. Nna ka nosi ke go thibetse gore o se ka wa nteofela; ke ka moo ke sa go leseletsang go mo ama.

7Jaanong busetsa monna mosadi wa gagwe, gonne ene ke moporofeti. O tla go rapelela gore o phele. Mme fa o sa mo rebole, itse gore o tla swa tota, wena le ba ga eno botlhe.”

8Abimelege a phakela mo mosong, a bitsa batlhanka botlhe ba gagwe, a bolela tsotlhe tse mo ditsebeng tsa bone; ke fa banna bao ba boifa thata.

9Abimelege a ba a bitsa Aborahame, a mmotsa a re: “Kana o re diretseng? Ke go leofetse ka eng, fa o ntliseditse le bogosi jwa me boleo jo bogolo. O ntiretse tse di sa tshwanelang go dirwa.”

10Abimelege a ba a botsa Aborahame a re: “O ne o ikaeletse eng, fa o dira jalo?”

11Aborahame a araba a re: “Ke ne ke re: Ga go na poifo-Modimo mo felong fano; ba tla mpolaya ka ntlha ya mosadi wa me.

12Le gona ke kgaitsadiake tota, ke morwadia rre, fela e seng morwadia mme; a ba a nna mosadi wa me.

13Jaanong e rile Modimo o nkhudusa mo ntlong ya ga rre, o nkgarakgatsha, ka mo raya ka re: ‘Lorato lwa gago lo o tla ntirelang ka lone mo felong gongwe le gongwe kwa re tla fitlhang teng ke lo: O bolele ka ga me o re: O kgaitsadiake.’ ”

14Ke fa Abimelege a tsaya dinku le dikgomo le batlhanka le malata, a di naya Aborahame; a ba a mmusetsa Sara, mosadi wa gagwe.

15Abimelege a ba a re: “Bona, lefatshe la me le go atlanegetse, aga fela fa o ratang teng.”

16A ba a raya Sara a re: “Bona, ke neile kgaitsadio diselefera di le 1 000. Bona, tsona di go busetsa tlotlo ya gago fa pele ga botlhe ba ba nang nao; o siamisitswe jalo fa pele ga botlhe.”

17Jaanong ya re Aborahame a rapela Modimo jalo, Modimo wa fodisa Abimelege le mosadi wa gagwe le malata a gagwe, mo ba bileng ba belega gape.

18Gonne Morena o ne a tswetse dipopelo tsa lelapa la ga Abimelege ka ntlha ya ga Sara, mosadi wa ga Aborahame.

Blog
About Us
Message
Site Map

Who We AreWhat We EelieveWhat We Do

Terms of UsePrivacy Notice

2025 by iamachristian.org,Inc All rights reserved.

Home
Gospel
Question
Blog
Help