DIPESALEME 7 - Setswana 1970(TSW70)

Ntshiamisetse

1Sefela sa ga Dafita se o se opeletseng Morena ka ntlha ya mafoko a ga Khuše wa Mobenyamene.

2 Morena, Modimo wa me,

ke tshabela kwa go wena;

nkgolola mo bapatiking botlhe

ba me, o mpholose,

3e se re gongwe ba nkgagola

jaaka tau,

ba mphamola

go se ope yo o gololang.

4 Morena, Modimo wa me,

fa ke dirile jalo,

fa go na le tshiamololo

mo diatleng tsa me,

5fa ene yo o nang a na le kagiso

le nna

ke mo diretse bosula;

fa ke senyeditse ene yo o neng

a le moganetsi wa me ka bomo;

6fa go ntse jalo, a mmaba a nteleke,

a ntshware,

a gatakele bophelo jwa me

mo mmung,

tlotlo ya me a e latse mo leroleng.

Sela.

7 Morena,

tloga o eme mo bogaleng jwa gago,

bololela baganetsi ba me

ba ba nkgakaletseng,

o tsoge ka ntlha ya me,

wena yo o laotseng katlholo.

8A phuthego ya merafe

e go dikanyeletse,

o boele kwa godimo, o ba okame.

9 Morena, o atlhola merafe.

Morena, ntshiamisetse

ka fa tshiamong ya me

le ka fa ke se nang molato ka teng.

10Dira gore boikepo jwa baikepi

bo khutle!

Tlhomamisa mosiami,

wena yo o lekang dipelo le diphilo,

wena Modimo o o siameng.

11Thebe ya me e mo Modimong

o o thusang

ba ba dipelo di boammaaruri.

12Modimo ke moatlhodi

yo o siameng,

e bile ke Modimo o o galefang

ka letsatsi le letsatsi.

13Fa motho a sa sokologe,

o lootsa tšhaka ya ona,

o gagamatsa bora jwa ona,

o supa ka jona;

14o mmaakanyeditse dibolai tsa loso,

o dira metsu ya ona

go nna e e tukang.

15Bonang, motho yoo

o nna moimana ka boikepo,

o ithwele tshiamololo,

o tsala maaka.

16O epile lemena, a le gaba;

mme o wetse mo gopong

e o e dirileng.

17Tshenyo ya gagwe

e boela tlhogong ya gagwe,

le go thubaka ga gagwe

go wela mo phogong ya gagwe.

18Ke tla baka Morena

ka ntlha ya tshiamo ya gagwe,

ke opelela leina la Morena

Mogodimodimo.

Blog
About Us
Message
Site Map

Who We AreWhat We EelieveWhat We Do

Terms of UsePrivacy Notice

2025 by iamachristian.org,Inc All rights reserved.

Home
Gospel
Question
Blog
Help