DIPESALEME 25 - Setswana 1970(TSW70)

Boitshwarelo le tshireletso

1Pesalome ya ga Dafita.

Ke tsholeletsa mowa wa me

kwa go wena, Morena.

2Modimo wa me, ke a go ikanya.

A ke se tlhajwe ke ditlhong,

a baba ba me ba se ntudueletse.

3Ee, mo go botlhe

ba ba go lebeletseng

ga go ope

yo o tla tlhajwang ke ditlhong.

Ba ba tla tlhajwang ke ditlhong ke

ba ba ikepang kwa ntle ga lebaka.

4 Morena, nkitsise ditsela tsa gago,

o nthute ditselana tsa gago.

5Ntsamaise mo boammaaruring

jwa gago, o nthute;

gonne ke wena

Modimo wa pholoso ya me;

ke lebeletse wena ka gale.

6 Morena,

gopola mautlwelo-botlhoko a gago

le maitshwarelo a gago,

gonne a ntse a le teng

ka bosenatshimologo.

7O se ka wa gopola maleo

a bokau jwa me le ditlolo tsa me.

Nkgopole ka fa boitshwarelong

jwa gago

ka ntlha ya molemo wa gago,

Morena.

8 Morena o molemo, ke wa nnete.

Ke gona ka moo

a rutang baleofi tsela.

9Ba ba pelonolo

o ba tsamaisa ka tshiamo;

ba ba pelonolo

o ba ruta tsela ya gagwe.

10Ditselana tsotlhe tsa Morena

ke tsa bopelotlhomogi

le boammaaruri

mo go bona ba ba bolokang

kgolagano ya gagwe

le ditshupo tsa gagwe.

11 Morena,

intshwarele molato wa me

ka ntlha ya leina la gago,

gonne o mogolo.

12Motho yo o boifang Morena

ke mang?

O tla mo ruta ka ga tsela

e o tshwanetseng go e itlhaolela.

13Ene ka esi o tla aga a le tlhogonolo;

losika lwa gagwe lo tla rua lefatshe.

14 Morena

o kopana le ba ba mmoifang,

o ba itsise kgolagano ya gagwe.

15Matlho a me

a lebile Morena ka gale;

gonne o tla ntsha dinao tsa me

mo letloeng.

16Retologela kwa go nna,

o intshwarele;

gonne ke nosi, mme ke tlaletswe.

17Ditlalelo tsa pelo ya me

di oketsegile thata.

Nnamolela

mo dipatikegong tsa me.

18Leba tlalelo ya me

le thekisego ya me,

mme maleo a me

o a intshwarele otlhe.

19Leba baba ba me, gonne ba bantsi;

ba ntlhoile ka letlhoo

le le bolayang.

20Boloka mowa wa me, o nkgolole.

A ke se tlhajwe ke ditlhong,

gonne ke a go ikanya.

21A bosenamolato le nnete

di mpoloke;

gonne ke go lebeletse.

22Modimo, golola Iseraele

mo ditlalelong tsotlhe tsa gagwe.

Blog
About Us
Message
Site Map

Who We AreWhat We EelieveWhat We Do

Terms of UsePrivacy Notice

2025 by iamachristian.org,Inc All rights reserved.

Home
Gospel
Question
Blog
Help