DIPESALEME 85 - Setswana 1970(TSW70)

Pholoso e atametse

1Pesalome ya boora Kora e e kwaletsweng moopedisi.

2 Morena, o utlwetse

lefatshe la gago botlhoko,

wa fetola tatlhego ya Jakobe.

3O itshwaretse molato

wa morafe wa gago,

wa bipa maleo otlhe a bona. Sela.

4O tlositse kgakalo yotlhe ya gago,

wa boa mo bogaleng jwa gago

jo bo tukang.

5Re tlhabolole,

Modimo wa pholoso ya rona,

o khutlise kgakalo ya gago

mo go rona.

6A o tla re galefela

ka bosakhutleng,

a bogale jwa gago

o tla bo tsweletsa pele

go ya tshikatshikeng?

7A ga o kitla o re phedisa gape

gore batho ba gago

ba go itumelele?

8Re bontshe bopelotlhomogi

jwa gago, Morena,

o re nee pholoso ya gago.

9Ke rata go utlwa se Morena,

Modimo, o tla se buang;

gonne batho ba ona,

e bong baratiwa ba ona,

ruri, o tla bua nabo tsa kagiso.

Fela a ba se boele gape

kwa bosilong.

10Kana pholoso ya ona

e gaufi le ba ba o boifang

gore kgalalelo e age

mo lefatsheng la rona.

11Bopelontle le boammaaruri

di a kgatlhana;

tshiamo le kagiso di a atlana.

12Boammaaruri

bo tlhoga mo lefatsheng;

tshiamo e lebile kwa tlase

e le kwa legodimong.

13Le gona Morena o tla naya

se se molemo,

lefatshe la rona

le tla ntsha leungo la lone.

14Tshiamo e mo eteletse pele,

e tlhokometse tsela

ya dikgato tsa gagwe.

Blog
About Us
Message
Site Map

Who We AreWhat We EelieveWhat We Do

Terms of UsePrivacy Notice

2025 by iamachristian.org,Inc All rights reserved.

Home
Gospel
Question
Blog
Help