JOBE 35 - Setswana 1970(TSW70)

1Elihu a simolola gape go bua a re:

2“A ò se kaya se se siameng,

a ò a re ke tshiamo ya gago

fa pele ga Modimo

3fa ò re:

‘Go nthusa eng,

go ntirela eng, fa ke sa leofe?’

4Nna ke tla go fetola ka mafoko

le ditsala tsa gago nao.

5Lelala kwa legodimong o bone;

leba maru

a a kwa godimo ga gago!

6Fa ò leofa,

ona ò ka o senyetsa eng?

Fa maleo a gago a le mantsi,

ona ò ka o direla bosula bofe?

7Fa ò siame, ò o naya eng?

Gongwe Modimo o tla amogela

eng mo seatleng sa gago?

8Boikepo jwa gago

bo senyetsa motho ka wena;

tshiamo ya gago

e thusa mongwe-ka-wena.

9Batho ba lela ka ntlha ya bontsi

jwa dikgatelelo;

ba goela thuso ka ntlha ya

mabogo a ba ba thata.

10Mme ga ba botse go re:

‘Modimo, Mmopi wa rona o kae

o o nayang batho

difela tsa tebogo bosigo,

11o o re rutang bogolo

go diphologolo tsa lefatshe,

o o re tlhalefisang

bogolo go dinonyane tsa loapi?’

12Se bao, ba goela thuso,

mme ga o ba utlwe

ka ntlha ya boikgantsho jwa bone

ba ba bosula.

13Ruri, Modimo ga o utlwe

dilelo tsa boithamako;

Mong-wa-thata-yotlhe

ga a di ele tlhoko.

14Bogolo jang, fa ò re:

‘Ga ò o bone!

Kgang e fa pele ga ona, o lete.’

15Mme jaanong e re

ka bogale jwa ona bo sa otle,

ka o sa tlhokomele

thata tse di boatla,

16Jobe o tumolola molomo

go bua tsa boithamako;

o bua tse dintsi a se na kitso.”

Blog
About Us
Message
Site Map

Who We AreWhat We EelieveWhat We Do

Terms of UsePrivacy Notice

2025 by iamachristian.org,Inc All rights reserved.

Home
Gospel
Question
Blog
Help