BAROMA 7 - Setswana 1970(TSW70)

Mokeresete yo o golotsweng mo molaong o direla Modimo ka mowa o mošwa

1Bakaulengwe – kana ke bua le ba ba itseng molao – a ga lo itse gore molao o busa motho fela, fa a sa ntse a phela?

2Kana mosadi yo o nang le monna wa gagwe o golegeletswe mo monneng ka molao, fa monna a sa ntse a phela; mme fa monna a sule, foo o tla bo a golotswe mo molaong wa lenyalo.

3Jaanong fa a ka nna wa monna yo mongwe, monna wa gagwe a sa tshela, go tla twe o kgotlela nyalo; mme fa monna a sule, foo o tla bo a golotswe mo molaong, mme ga go nke go twe o kgotlela nyalo, le fa a ka nna wa monna yo mongwe.

4Bakaulengwe ba me, le lona lo bolailwe jalo ntlheng ya molao ka mmele wa ga Keresete gore lo nne ba yo mongwe, e bong ba yo o tsositsweng mo baswing, gore re ungwele Modimo;

5gonne e rile re sa le mo nameng, dikeletso tsa maleo tse di tlhotlhelediwang ka molao tsa bo di dira ka thata mo ditokololong tsa rona gore di ungwe maungo a loso.

6Mme jaanong re golotswe mo molaong, ka re sule ntlheng ya sona se se neng se re tshwere; ke ka moo re leng badiredi ka fa bošweng jwa mowa, e seng ka fa mokgweng wa bogologolo wa ditlhaka tsa molao.

Molao o re supetsa boleo

7Jaanong re tla reng? A ke go re, molao ke boleo? Ga go a nna jalo; mme nka bo ke sa itse boleo, fa e ne e se ka molao. Le yona keletso nka bo ke sa e lemoge, fa molao o ka bo o sa re: “O se ka wa eletsa!”

8Mme boleo, e re ka bo bonye tlhotlheletso, jwa tsosa dikeletso tsotlhe mo go nna ka taolo; gonne kwa ntle ga molao boleo bo sule.

9Nna, pele ke ne ke phela kwa ntle ga molao; jaanong e rile taolo e sena go tla, boleo jwa tsoga,

10mme nna ka swa; taolo e e ka bong e nkisa bophelong, ka fitlhela e nkisa losong.

11Gonne boleo jwa ntsietsa, ka bo bonye tlhotlheletso ka taolo, jwa mpolaya ka yona.

12Jalo he, molao o boitshepo, le taolo e boitshepo, e siame, e molemo.

13Jaanong a ke go re, se se molemo se mphetogetse loso? A go se tualo! Ke boleo jo bo ntsiseditseng loso ka se se molemo gore bo bonale e le boleo tota, gore boleo e nne jo bo bobe bogolo ka taolo.

Ntwa ya nama e e lwang le mowa

14Re itse gore molao ke wa mowa, mme nna ke nama, ke bapaleditswe boleo.

15Se ke se dirang ga ke se tlhaloganye; gonne se ke se ratang ga ke se dire; ke dira se ke se tlhoileng.

16Mme fa ke dira se ke sa se rateng, ke dumelana le molao gore o molemo.

17Foo e be e sa tlhole e le nna yo o se dirang, mme e be e le boleo jo bo agileng mo teng ga me.

18Gonne ke itse gore mo teng ga me, e bong mo nameng ya me, ga go na molemo ope; go rata go teng mo go nna, mme go dira se se molemo ga go yo.

19Gonne molemo o ke o ratang ga ke o dire, mme bosula jo ke sa bo rateng jona ke a bo dira.

20Fa jaanong nna ke dira se ke sa se rateng, e tla bo e sa tlhole e le nna yo o se dirang, mme e tla bo e le boleo jo bo agileng mo teng ga me.

21Jaanong ke fitlhela molao mo go nna wa go re: E a re fa ke rata go dira molemo, bosula bo nne teng mo go nna.

22Gonne ka fa mothong yo o ka mo teng ke itumelela molao wa Modimo.

23Fela ke fitlhela go na le molao o sele mo ditokololong tsa me o o lwang le molao wa maikutlo a me; e bile o nkgolega ka molao wa boleo o o mo ditokololong tsa me.

24A motho wa mogolo nna! Ke mang yo o tla nkgololang mo mmeleng wa loso lo?

25Ke leboga Modimo, ka ke gololwa ka Jesu Keresete, Morena wa rona.

Jaanong go ntse jaana: nna ka nosi ke direla molao wa Modimo ka maikutlo, mme ka nama ke direla molao wa boleo.

Blog
About Us
Message
Site Map

Who We AreWhat We EelieveWhat We Do

Terms of UsePrivacy Notice

2025 by iamachristian.org,Inc All rights reserved.

Home
Gospel
Question
Blog
Help