1Ka letsatsi leo basadi ba supa ba tla tshwara monna a le mongwe ba re: “Re tla ja dijo tsa rona, re apara diaparo tsa rona, fela a re ke re bidiwe ka leina la gago gore o tlose kgobo ya rona.”
Ka ga pholoso e e latelang petso2Ka sebaka seo letlhogela la Morena e tla nna mokgabo le kgalalelo; leungo la lefatshe e tla nna bogolo le bontle jwa Baiseraele ba ba falotseng.
3Jaanong masalela a a mo go Sione le ba ba setseng mo Jerusalema ba tla bidiwa baitshepi, e leng mongwe le mongwe wa Jerusalema yo o kwadilweng gore a tle a bone bophelo;
4fa Morena a sena go tlhapisa bomorwadia Sione maswe le go gogola melato ya madi ya Jerusalema le go e tlosa teng ka Mowa wa tshekiso le ka Mowa wa nyeletso.
5Morena o tla dira leru le musi motshegare, le phatsimo ya molelo o o tukang bosigo godimo ga dikago tsotlhe tsa thaba ya Sione le godimo ga diphuthego tsa yona. Gonne tshireletso e tla nna teng godimo ga tsotlhe tse di galalelang.
6Moriti wa leobo o tla nna teng motshegare wa go tshaba mogote wa letsatsi le wa go tshabela teng le go itshireletsa teng mo sefakong le mo puleng.
Who We AreWhat We EelieveWhat We Do
2025 by iamachristian.org,Inc All rights reserved.
