JOBE 20 - Setswana 1970(TSW70)

Go bua Sofare

1Ga fetola Sofare wa Naama a re:

2“Ke ka moo ke arabisiwang

ke dikakanyo tsa me;

ka lebaka leo maikutlo a me

a a mpotlakisa.

3Ke utlwile kgalemelo

e e nkgopisang;

ke na le temogo

mo moweng wa me

e e nkarabisang.

4A ga ke re, o itse tsa bogologolo,

tsa go tloga kgale,

fa go tlholwa batho mo fatsheng?

5Tse di reng:

Moduduetso wa baikepi

o mokhutshwanyane fela;

boitumelo jwa ba ba pelompe

ke jwa sebakanyana fela.

6Le fa boikgantsho jwa moikepi

bo ka tlhatlogela

kwa legodimong,

le fa tlhogo ya gagwe

e ka ama maru,

7o tla nyelelela ruri

jaaka mantle a gagwe;

ba ba kileng ba mmona ba tla re:

‘O fa kae?’

8O tla timela jaaka toro

a sa tlhole a ka bonwa;

o tla kobiwa

jaaka pono ya bosigo.

9Leitlho le le kileng la mmona

ga le tlhole le mmona;

le felo ga gagwe

ga go tlhole go mmona.

10Bana ba gagwe ba tshwanetse

go thabisa ba ba humanegileng;

diatla tsa bone di na le go busa

tse o di thukhuthileng.

11Le fa marapo a gagwe a tletse

thata ya bokau jwa gagwe,

e tla lala nae loroleng.

12Le fa bosula

bo mo natefetse leganong,

a bo fitlha

ka fa tlase ga loleme lwa gagwe;

13le fa a bo boloka,

a sa rate go bo lesa

a bo tshotse

mo magalapeng a gagwe.

14Dijo tsa gagwe di tla fetoga

di le mo maleng a gagwe;

e nna botlhole jwa mabolobolo

ka mo teng ga gagwe.

15Dikhumo tseo o di meditseng

o tla di tlhatsa gape;

Modimo o tla di gelola

mo mpeng ya gagwe.

16Botlhole jwa mabolobolo

o a bo anya;

loleme lwa noga lo a mmolaya.

17Ga a nke a thaba

ka go bona dinokana

le dinoka tsa mafura a dinotshe

le tsa mašwi a a themileng.

18Tse o di itiretseng

o a di ntsha gape,

a ise a di metse;

tse o di anantseng

ga di na go mo itumedisa.

19Gonne o ne a gatelela ba ba

humanegileng, a ba latlha fela;

a gapa ntlo,

mme ga a kitla a e ntšhwafatsa.

20E re ka a ne a sa khutle go eletsa

mo teng ga gagwe,

ga a kitla a phologa

ka dilo tse a di ratang.

21E rile a thopa,

a bo a sa sadise sepe;

ke ka moo a sa boneng lesego

le le tlhomameng.

22Le fa a na le letlotlo

le le tletseng,

o tla pitlaganngwa;

mabogo otlhe a babogisegi

a tla mo wela.

23 Morena o tla mo romela bogale

jo bo tukang jwa gagwe,

a bo mo nesetsa go nna dijo tsa

gagwe le go tlatsa mpa ya gagwe.

24Fa a tshaba dibolai tsa tshipi,

o tla phololediwa

ka bora jwa kgotlho.

25Fa a re ke a itlhomola,

motsu o tswa

mo motlhaneng wa gagwe

le tshipi e e phatsimang

mo santlhokweng wa gagwe.

O ya kwa losong,

a wetswe ke matshogo.

26Lefifi tota le baakanyeditswe

mahumo a gagwe;

molelo o o sa godiweng

ke motho

o tla mo nyeletsa,

o feleletsa masalela

a a mo lapeng la gagwe.

27Legodimo le tla senola

molato wa gagwe

le lefatshe le mo tsogela.

28Mahumo a a mo ntlong

ya gagwe

a tla thopiwa;

a gogolwa ka letsatsi

la bogale jwa ona.

29Ke yona kabelo ya motho

wa moikepi

e e tswang mo Modimong;

ke jona boswa

jo o bo neetsweng ke Modimo.”

Blog
About Us
Message
Site Map

Who We AreWhat We EelieveWhat We Do

Terms of UsePrivacy Notice

2025 by iamachristian.org,Inc All rights reserved.

Home
Gospel
Question
Blog
Help