DIPESALEME 72 - Setswana 1970(TSW70)

Sefela sa tlhomamiso ya kgosi

1Pesalome ya ga Salomo.

Modimo,

naya kgosi melao ya gago;

morwa kgosi

o mo nee tshiamo ya gago

2gore a atlhole batho ba gago

ka tshiamo,

le batlalelwi ba gago ka molao.

3A dithaba di ungwele batho kagiso,

le dithabana di ba ungwele

tshiamo.

4O tla siamisetsa

batlalelwi ba morafe,

a pholosa bana ba bahumanegi,

a tšhwetlakanya mogateledi.

5O tla phela sebaka

se se kana ka letsatsi le tlhabile

le ngwedi o ise o phirime

go ya tshikatshikeng.

6O tla fologa jaka pula mo pilong,

jaaka medupe e e nosang lefatshe.

7Mo malatsing a gagwe

tshiamo e tla tlhoga,

kagiso e kgolo e tla nna teng go

fitlhelela ngwedi o sa tlhole o le yo.

8O tla busa go tswa lewatleng

go ya go le lengwe,

le go tswa Nokeng

go ya mafelelong a lefatshe.

9Ba ba agileng mo dikakeng

ba tla khubama fa pele ga gagwe,

baba ba gagwe ba tla latswa lerole.

10Dikgosi tsa Tharesise le tsa

ditlhakenyana di tla tsisa dimpho;

dikgosi tsa Šeba le Seba

di tla ntsha lekgetho.

11Dikgosi tsotlhe di tla mo ikobela,

ditšhaba tsotlhe di tla mo direla.

12Gonne o tla golola mohumanegi

yo o goelang thuso

le mmogisegi

le yo o se nang mothusi.

13O tla utlwela yo mmotlana

le motlhoki botlhoko,

a pholosa mewa ya bahumanegi.

14O tla golola maphelo a bona

mo patikegong le mo kgatelelong;

madi a bona e tla nna a botlhokwa

mo matlhong a gagwe.

15A kgosi e phele, mme ba e nee

tsa gouta ya Šeba,

ba e rapelele ka gale,

ba e tshegofatse ka metlha.

16A go nne letlotlo la mabele

mo lefatsheng,

a go sume

kwa ditlhoeng tsa dithaba;

a leungo la lone

le tshwane le Lebanone;

a batho ba motse ba rune

jaaka morogo wa lefatshe.

17A leina la yona le nnele ruri.

A leina la yona le tlhoge

letsatsi le ntse le le teng;

a ditšhaba tsotlhe

di tshegofadiwe ka yona,

a di e boke di re:

Kgosi e tlhogonolo.

18A go bokwe Morena, Modimo,

Modimo wa Iseraele,

o e leng ona fela o o dirang

dikgakgamatso.

19Mme a leina la ona le le galalelang

le bakwe ka bosakhutleng;

a lefatshe lotlhe le tlale kgalalelo

ya ona,

Amen, ee, a go nne jalo!

20Fano go fela dithapelo tsa ga

Dafita, morwa Isai.

Blog
About Us
Message
Site Map

Who We AreWhat We EelieveWhat We Do

Terms of UsePrivacy Notice

2025 by iamachristian.org,Inc All rights reserved.

Home
Gospel
Question
Blog
Help