JEREMIA 5 - Setswana 1970(TSW70)

Tatlhego e e tla ka ntlhaang?

1Yaang le mebila ya Jerusalema,

lo batle mo dipatlelong tsa gagwe;

tlholang lo tlhokomele.

Fa lo fitlhela mongwe a le teng

yo o dirang ka tshiamo,

yo o batlang boammaaruri,

foo ke tla ba itshwarela.

2Mme le fa ba re:

“Ka bophelo jwa Morena,”

ruri ba ikana ka maaka.

3 Morena, a ga ke re,

matlho a gago a tlhola boikanyo?

O ba otlile,

mme ga ba a utlwa botlhoko.

O ba fedisitse, mme

ba se ka ba tlhabololwa ke kotlo.

Ba kwatlaladitse difatlhego

bogolo go lefika;

ba gana go tlhabologa.

4Mme ke ne ka re:

“Ke ba maemo a a kwa tlase fela

ba ba dirileng ka bosilo;

gonne ga ba itse tsela ya Morena

le tshiamo ya Modimo wa bona.

5Ke tla ya kwa go ba bagolo,

ke bua nabo.

Gonne bone ba itse tsela

ya Morena le tshiamo

ya Modimo wa bone.”

Mme bone botlhe

ba ne ba robile joko,

ba kgaotse ditlamo tsa Modimo.

6Ka lebaka leo tau e e tswang

mo sekgweng e tla ba bolaya;

phiri ya sekaka e tla ba senya,

nkwe e tla lalela metse ya bone.

Mongwe le mongwe

yo o tswelang kwa ntle ga yona

o tla gagoganngwa.

Gonne maleo a bone a mantsi.

Boikepo jwa bone bo bogolo.

7“Nka go itshwarela

ka ntlha ya eng?

Bomorwao ba ntlogetse,

ba ikana ka tse e seng Modimo.

Mme ya re ke sena go ba

kgorisa, ba senya nyalo,

ba kgobokana mo ntlong

ya boaka.

8Ba fetogile dipheke tsa dipitse

tse di nonneng,

tse di kgarakgatshegang.

Mongwe le mongwe o lelela

mosadi wa mongwe-ka-ene.

9Jaanong a ga ke na go ba betsa

ka ntlha ya dilo tseo?”

go botsa Morena.

“Mowa wa me a ga o na

go ipusolosetsa mo setšhabeng

se se tshwanang le se?

10Palamang mo dipoteng

tsa Jerusalema, lo mo senye!

Mme lo se ka

lwa mo nyeleletsa ruri!

Kgaolang dikala tsa gagwe

tsa moweine,

gonne ga se tsa Morena.

11Gonne ba lotso lwa Iseraele

le ba lotso lwa Juta

ba ntiretse ka boikanyologo

jo bogolo,” go bua Morena.

Morena

o latlha Iseraele

12Ba itatotse Morena ba re: “Ga se ene! Tatlhego ga e na go re wela. Ga re kitla re bona tšhaka le tlala.

13Mme baporofeti ba tla fetoga phefo fela. Lefoko la Morena ga le yo mo go bone. A bone ba dirafalelwe ke tse di ntseng jalo!”

14Ke ka moo Morena, Modimo wa masomosomo, a buang jaana a re: “E re ka ba buile lefoko leo, bona, ke tla dira mafoko a me a a mo molomong wa gago molelo le morafe o dikgong, mme o tla ba nyeletsa.

15“Bonang, lona Baiseraele, ke tla tlisa setšhaba se se tswang kgakala kwa go lona. Go bua Morena. Ke setšhaba se se tiileng, ke setšhaba sa bogologolo, ke setšhaba se lo sa itseng puo ya sona, lo sa utlwe se se se buang.

16Mokotlopo wa metsu ya sona o tshwana le lebitla le le bulegileng; setšhaba sotlhe ke bagale fela.

17Ba tla ja kotulo ya gago le dijo tsa gago, ba fedisa bomorwao le bomorwadio, ba ja dinku tsa gago le dikgomo tsa gago, ba ja moweine wa gago le difeie tsa gago; metse e e femetsweng e o e ikanyang ba tla e thuba ka tšhaka.

18“Mme le mo malatsing ao ga nkitla ke le fedisetsa ruri,” go bua Morena.

19“Jaanong fa lo ka botsa lo re: ‘Ke ka ntlha ya eng, fa Morena, Modimo wa rona, a re direla tse tsotlhe tse?’ o ba ree o re: ‘E re ka lo ntlogetse, lwa direla medimo e sele mo lefatsheng la lona, lo na le go direla baeng mo lefatsheng le e seng la lona.’ ”

Morena

o tlhagisa morafe wa gagwe

20“Itsiseng mafoko a mo lotsong lwa Jakobe, a utlwatseng mo go Juta lo re:

21A ko lo utlwe, lona dieleele tse di se nang tlhaloganyo! – Ba na le matlho, mme ga ba bone; ba na le ditsebe, mme ga ba utlwe.

22A ga lo a tshwanela go mpoifa?” go botsa Morena. “A ga lo a tshwanela go tetesela fa pele ga sefatlhego sa me? Kana ke dirile motlhaba molelwane wa lewatle, e le logora lo lo sa khutleng, lo le sa lo tloleng; le fa le huduega, ga le kgone sepe; le fa dintelo tsa lone di suma, ga di lo tlole.

23Mme batho ba, ba na le dipelo tse di feretlhegang, tse di rukhutlhegang. Ba fapogile, ba itsamaela.

24Ga ba a ka ba akanya mo pelong ba re: ‘A re boifeng Morena, Modimo wa rona, yo o nesang pula, pula ya sephai le pula ya tlhakola-modula, mo sebakeng sa yona; yo o re bolokelang dibeke tse di tlhomameng tsa thobo!’

25Ditshiamololo tsa lona di fapositse dilo tseo; maleo a lona a lo timile lesego.

26“Gonne go fitlhelwa ba ba pelompe mo morafeng wa me; ba lalela batho jaaka ba ba thayang dinonyane, ba konama, ba baakanya gopo, ba ba tshwara.

27Matlo a bone a tletse bonokwane jaaka serobi se tletse dinonyane. Ke ka moo ba duleng ba bagolo, ba huma.

28Ba nonne, ba a phatsima. Ba ikgantsha ka dipolelo tse dimpe. Ga ba re sepe ka tshiamo; ga ba emele tshiamo ya masiela gore a tswelele pele. Kgang ya bahumanegi ga ba e seke.

29“Jaanong a ga ke na go ba betsa ka ntlha ya dilo tseo?” go botsa Morena. “Mowa wa me a ga o na go ipusolosetsa mo setšhabeng se se tshwanang le se?

30Go dirafetse dilo tse di boitshegang le tsa maila mo lefatsheng:

31Baporofeti ba rutile lefoko la Modimo ka maaka, baperesiti ba goga nabo, mme morafe wa me o rata tse di ntseng jalo. Mme lo tla dira eng, fa dilo tseo di feleletse?

Blog
About Us
Message
Site Map

Who We AreWhat We EelieveWhat We Do

Terms of UsePrivacy Notice

2025 by iamachristian.org,Inc All rights reserved.

Home
Gospel
Question
Blog
Help