1 SAMUELE 28 - Setswana 1970(TSW70)

1E rile ka malatsi ao Bafelesita ba phutha mephato ya bone go ya ntweng go tlhabana le Baiseraele, Agiše a raya Dafita a re: “Itse sentle gore o tshwanetse go bolola le nna mo mophatong, wena le banna ba gago.”

2Dafita a fetola Agiše a re: “Go siame! Jaanong o tla bona se motlhanka wa gago a kgonang go se dira.” Agiše a raya Dafita a re: “Ka moo ke go dira mofemedi wa tlhogo ya me ka metlha yotlhe.”

Saule o batla thuso kwa mosading wa moitseanape

3Kana Samuele o ne a sule, Baiseraele botlhe ba ne ba mo leletse, ba mo fitlhile kwa Rama mo motseng wa ga gabo. E bile Saule o ne a tlositse ba ba buisang badimo le baitseanape mo lefatsheng.

4Jaanong ya re Bafelesita ba phuthega, ba fitlha, ba thibelela kwa Suneme, le Saule a phutha Baiseraele botlhe, ba thibelela kwa Gileboa.

5Ya re Saule a bona mephato ya Bafelesita, a boifa; pelo ya gagwe ya roroma thata.

6Saule a botsa Morena, mme Morena a se ka a mo araba, e seng ka ditoro le e seng ka Lesedi le e seng ka baporofeti.

7Ke fa Saule a raya batlhanka ba gagwe a re: “Mpatleleng mosadi yo o itseng go buisa baswi gore ke ye kwa go ene, ke mmotse.” Batlhanka ba gagwe ba mo araba ba re: “Mosadi yo o buisang baswi o teng kwa Entore.”

8Jaanong Saule a iphetola ka go apara diaparo di sele, a ya a na le banna ba le babedi, ba fitlha kwa mosading yole bosigo, mme Saule a re: “A ko o mpolelele tsa boitseanape ka thuso ya mowa wa moswi, o ntlisetse yo ke tla mo go bolelelang.”

9Mme mosadi yoo a mo fetola a re: “Kana o itse se Saule o se dirileng, fa a fedisa ba ba buisang badimo le baitseanape mo lefatsheng. Ke ka ntlha ya eng, fa o tsile go ntalela gore ke tle ke bolawe.”

10Ke fa Saule a mo ikanela ka Morena a re: “Ka bophelo jwa Morena! Ga o kitla o welwa ke molato ope ka tiro e.”

11Jaanong mosadi a botsa a re: “Ke go tlisetse mang?” A re: “Ntlisetse Samuele.”

12Ya re mosadi a bona Samuele, a goa ka lentswe le legolo, a ba a raya Saule a re: “O ntsieleditseng? Kana o Saule.”

13Kgosi ya mo raya ya re: “Se boife! Mme o bona eng?” Mosadi a araba Saule a re: “Ke bona mowa wa moswi o tswa mo lefatsheng.”

14Saule a mmotsa a re: “Sebopego sa ona ke se se ntseng jang?” Mosadi a re: “Monna mogolo o tlhatloga, a apere kobo.” Ke fa Saule a lemoga gore ke Samuele; a ba a inamela fa fatshe ka sefatlhego a ikoba.

15Mme Samuele a raya Saule a re: “O ntshwenyetsang ka go mpitsa?” Saule a re: “Ke tlaletswe thata. Bafelesita ba tlhabana le nna, mme Modimo o ntlogetse; ga o tlhole o nkaraba le e seng ka baporofeti le e seng ka ditoro. Ke ka moo ke go biditseng gore o nkitsise se ke tshwanetseng go se dira.”

16Samuele a ba a re: “O mpoletsang, etswe Morena o go tlogetse, a tswa mmaba wa gago?

17Morena o dirile jaaka a buile ka nna. O phamotse bogosi mo diatleng tsa gago, a bo neela yo mongwe, e bong Dafita.

18Ka gore ga o a ka wa utlwa lentswe la Morena, ga o a ka wa dirafatsa bogale jo bo tukang jwa gagwe mo go Baamaleke; ke ka moo Morena o go diretseng tsona tse gompieno.

19Le gona Morena o tla go neela le Baiseraele mo diatleng tsa Bafelesita. Gape wena le bomorwao lo tla bo lo na le nna kamoso. Le mephato ya Baiseraele Morena o tla e neela mo diatleng tsa Bafelesita.”

20Ya ba gona Saule a welang fa fatshe ka letshogo, a namalala ka boleele jotlhe jwa gagwe, a boifa thata ka ntlha ya mafoko a ga Samuele. Le gona o ne a setse a feletswe ke thata, gonne o ne a ise a je sepe motshegare otlhe le bosigo jotlhe.

21Jaanong mosadi yole a tla kwa go Saule, mme ya re a mmona a tshogile thata, a mo raya a re: “Kana lelata la gago le dirile se o se le boleletseng, ka se ka ka rekegela botshelo jwa me, ka utlwa mafoko a gago a o a buileng le nna.

22Jaanong he, le wena a ko o utlwe lentswe la lelata la gago. Ke tla baya thathana ya bogobe fa pele ga gago, e je gore o nne le thata, fa o tsamaya mo tseleng.”

23Mme a gana a re: “Ga ke rate go ja.” Fela ya re batlhanka ba gagwe le ene mosadi ba mo emelela, a ba utlwa, a namologa fa fatshe, a nna mo bolaong.

24Jaanong mosadi a bo a na le namane e e nonneng mo lapeng; a akofa a e tlhaba, a ba a tsaya bupe a bo duba, a besa dinkgwe tse di sa bedisiwang.

25A ba a di tlisa, a di baya fa pele ga Saule le fa pele ga batlhanka ba gagwe. Ya re ba sena go ja ba nanoga, ba tsamaya bosigo joo.

Blog
About Us
Message
Site Map

Who We AreWhat We EelieveWhat We Do

Terms of UsePrivacy Notice

2025 by iamachristian.org,Inc All rights reserved.

Home
Gospel
Question
Blog
Help