DIPESALEME 83 - Setswana 1970(TSW70)

Baba ba ntlheng tsotlhe

1Sefela. Pesalome ya ga Asafe.

2Modimo, se tlhokomologe,

se didimale,

se nne fela, Modimo!

3Gonne, bona,

baba ba gago ba a feretlha;

ba ba go tlhoileng

ba tsholetsa ditlhogo.

4Ba logela batho ba gago

maano a bolotsana,

ba gakololana

ka ga ba o ba sireletsang.

5Ba re: “Tlayang, a re ba nyeletseng

gore ba se tlhole ba nna morafe

le gore leina la Iseraele

le se tlhole le gopolwa.”

6Ba gakololanye

ka bongwefela jwa pelo,

ba go ikgolaganyetsa:

7E bong ba ditente tsa Etomo

le Baisemaele

le Bamoabe le Bahagare

8le ba Gebale le Baamone

le Baamaleke le Bafelesita

mmogo le baagi ba Tiro;

9Baasiria le bona ba ikopantse nabo,

ba thusa boora Lote. Sela.

10Ba direle jaaka o kile wa direla

Bamidiane le Sisera

le Jabine fa nokeng ya Kisone.

11Ba nyeleditswe kwa Entore,

ba tswa letshotelo la tshimo.

12Dira batlotlegi ba bona

gore ba nne jaaka Orebe le Seebe

le dikgosana tsa bona

jaaka Seba le Salemuna

13tse di reng:

“A re ithopeleng

maago a Modimo.”

14Modimo wa me,

ba dire jaaka matlakala

le jaaka moko

o o gogolwang ke phefo.

15Molelo o fisa sekgwa

le kgabo ya molelo

e tshuba dithaba:

16Ba leleke jalo ka ledimo la gago,

o ba boifise jalo

ka kgwanyape ya gago.

17Tlatsa difatlhego tsa bona ditlhong

gore ba batle leina la gago,

Morena.

18A ba tlhajwe ke ditlhong,

ba boife ka go sa feleng.

A ba setlhafale ka ditlhong,

ba latlhege

19gore ba lemoge,

fa wena yo o bidiwang Morena

ò le Mogodimodimo

ò le wesi o ò okameng lefatshe

lotlhe.

Blog
About Us
Message
Site Map

Who We AreWhat We EelieveWhat We Do

Terms of UsePrivacy Notice

2025 by iamachristian.org,Inc All rights reserved.

Home
Gospel
Question
Blog
Help