MATHEO 3 - Setswana 1970(TSW70)

Tsa ga Johane Mokolobetsi(Mar. 1:1-8; Luka 3:1-18; Joh. 1:19-28)

1Mo malatsing ao ga tla Johane Mokolobetsi, a rera mo sekakeng sa Jutea a re:

2“Tlhabologang; gonne puso ya magodimo e atametse!”

3Yoo ke ene yo moporofeti Jesaya o buileng ka ga gagwe a re:

“Lentswe la mongwe yo o kuang

mo sekakeng la re:

‘Baakanyang tsela ya Morena,

siamisang mebila ya gagwe!’ ”

4Johane yoo, seaparo sa gagwe e ne e le sa boboa jwa kammele, a itlamile letheka ka moitlamo wa letlalo; dijo tsa gagwe e ne e le tsie le dinotshe tsa naga.

5Ke fa go tswela go ene batho ba Jerusalema le ba Jutea yotlhe le ba naga yotlhe e e fa Joretane,

6mme a ba kolobetsa mo nokeng ya Joretane, ba ntse ba ipobola dibe tsa bone.

7Ya re a bona bontsi jwa Bafarisai le Basadukai ba tla kolobetsong, a ba raya a re: “Lotsalo lwa dinoga ke lona! Lo kaetswe ke mang gore lo falole bogaleng jo bo tlang?

8Ungwang he maungo a a tshwanetseng tlhabologo.

9Lo se ka lwa ithaya lwa re: ‘Re na le Aborahame, ke ene rraetsho.’ Gonne ke lo raya ke re: Modimo o nonofile go ka tsosetsa Aborahame bana ka majwe a.

10Selepe se setse se beilwe fa meding ya ditlhare; mme setlhare sengwe le sengwe se se sa ungweng leungo le le siameng, se tla rengwa, se be se latlhelwa mo molelong.

11Nna ke lo kolobeletsa tlhabologo ka metsi; mme yo o tlang morago ga me o nonofile bogolo go nna, yo ke sa tshwanelang go mo tsholela ditlhako; ene o tla lo kolobetsa ka Mowa o o Boitshepo le ka molelo;

12o tshwere seoloso ka letsogo, mme o tla feela seboana sa gagwe gotlhe; o tla phuthela mabele a gagwe mo sefaleng, mme moko a o tshuba ka molelo o o sa kakeng wa tingwa.”

Johane o kolobetsa Jesu(Mar. 1:9-11; Luka 3:21,22)

13Jaanong Jesu a tswa kwa Galelea, a ya kwa go Johane kwa Joretane gore a kolobediwe ke ene.

14Mme Johane a re o a gana, a mo raya a re: “Ke nna ke tshwanetseng go kolobediwa ke wena, mme a o tla go nna?”

15Jesu a mo araba a re: “Letlelela go nne jalo; gonne go re tshwanetse jalo gore re dirafatse tshiamo yotlhe.” Ke fa a dumela.

16Ya re Jesu a sena go kolobediwa, a tswa mo metsing ka bonako. Foo magodimo a mmulegela, a bona Mowa wa Modimo o fologa jaaka lephoi, o tla mo go ene.

17Mme lentswe la utlwala, le tswa kwa magodimong le re: “Yoo ke Morwaake yo o rategang, yo ke mo itumelelang.”

Blog
About Us
Message
Site Map

Who We AreWhat We EelieveWhat We Do

Terms of UsePrivacy Notice

2025 by iamachristian.org,Inc All rights reserved.

Home
Gospel
Question
Blog
Help