GENESI 11 - Setswana 1970(TSW70)

Kago e e godimodimo ya kwa Babele

1Pele lefatshe lotlhe la bo le na le puo e le nngwe fela le mafoko a le mangwe fela.

2Mme ya re ba hudugela kwa ntlheng ya botlhabatsatsi, ba fitlhela lebala mo lefatsheng la Sineare, ba aga teng.

3Ke fa ba raana ba re: “A re yeng re bope diekana, re di bese, di butswe!” Diekana tse e ne e le matlapa a bone, boka jwa mmu e le seretse sa bone sa go aga.

4Ba re: “Tlayang a re ikageleng motse le kago e e godimo e setlhoa sa yona se fitlhang kwa legodimong gore re itirele leina le le tumileng, e se re gongwe ra phatlalala mo lefatsheng lotlhe.”

5Ke fa Morena a fologa gore a bone motse oo le kago e e godimo eo, tse batho ba di agang.

6Jaanong Morena a re: “Ruri, botlhe ke morafe o le mongwe fela wa puo e le nngwe fela. Selo se ke tshimologo ya tiro ya bone. Go tloga fa ga ba nke ba palelwa ke sepe se ba se akanyang.

7Tlayang a re fologeleng teng, re tlhakatlhakanye puo ya bone gore ba se ka ba utlwana ka puo.”

8Morena a ba phatlalatsa fa ba ne ba le teng, a ba falaletsa kwa dinageng tsotlhe tsa lefatshe. Ba khutla jalo go aga motse oo.

9Ke ka moo o teilweng leina la Babele; gonne teng koo Morena o tlhakatlhakantse puo ya batho botlhe, Morena a ba falatsa le dinaga tsotlhe tsa lefatshe go tswa teng.

Losika lwa ga Seme

10Ba losika lwa ga Seme ke ba: Ya re Seme a le dinyaga di le 100, a tsala Arephagasadi, dinyaga di le pedi morago ga morwalela.

11Ya re Seme a sena go tsala Arephagasadi, a phela dinyaga di le 500, a ntse a tsala bomorwa le bomorwadi.

12Arephagasadi o ne a phedile dinyaga di le 35 fa a tsala Sela.

13Mme ya re Arephagasadi a sena go tsala Sela, a phela dinyaga di le 403, a ntse a tsala bomorwa le bomorwadi.

14Sela o ne a phedile dinyaga di le 30, fa a tsala Hebere.

15Mme ya re Sela a sena go tsala Hebere, a phela dinyaga di le 403, a ntse a tsala bomorwa le bomorwadi.

16Hebere o ne a phedile dinyaga di le 34, fa a tsala Phelege.

17Mme ya re Hebere a sena go tsala Phelege, a phela dinyaga di le 430, a ntse a tsala bomorwa le bomorwadi.

18Phelege o ne a phedile dinyaga di le 30 fa a tsala Rehu.

19Mme ya re Phelege a sena go tsala Rehu, a phela dinyaga di le 209, a ntse a tsala bomorwa le bomorwadi.

20Rehu o ne a phedile dinyaga di le 32 fa a tsala Seruge.

21Mme ya re Rehu a sena go tsala Seruge, a phela dinyaga di le 207, a ntse a tsala bomorwa le bomorwadi.

22Seruge o ne a phedile dinyaga di le 30 fa a tsala Nahore.

23Mme ya re Seruge a sena go tsala Nahore, a phela dinyaga di le 200, a ntse a tsala bomorwa le bomorwadi.

24Nahore o ne a phedile dinyaga di le 29 fa a tsala Thara.

25Mme ya re Nahore a sena go tsala Thara, a phela dinyaga di le 119, a ntse a tsala bomorwa le bomorwadi.

26Thara o ne a phedile dinyaga di le 70 fa a tsala Aborame le Nahore le Harane.

Losika lwa ga Thara

27Ba losika lwa ga Thara ke ba: Thara o ne a tsala Aborame le Nahore le Harane, Mme Harane a tsala Lote.

28Mme Harane a swa pele ga rraagwe mo lefatsheng le a tsaletsweng mo go lone, kwa motseng wa Ure wa Kalatea.

29Ke fa Aborame le Nahore ba tsaya basadi: Leina la mosadi wa ga Aborame ke Sarai; leina la mosadi wa ga Nahore ke Mileka, morwadia Harane, yo e leng rraagwe Mileka le Iseka.

30Sarai ene e ne e le moopa, a se na ngwana.

31Jaanong Thara a tsaya Aborame morwawe, le Lote morwa Harane, morwa morwawe, le Sarai ngwetsi wa gagwe, mosadi wa ga Aborame morwawe, a huduga nabo, a tloga kwa Ure wa Kalatea, a re o ya kwa lefatsheng la Kanana; mme ba fitlha fela kwa Harane, ba aga teng.

32Jaanong Thara a swela kwa Harane, a le dinyaga di le 205.

Blog
About Us
Message
Site Map

Who We AreWhat We EelieveWhat We Do

Terms of UsePrivacy Notice

2025 by iamachristian.org,Inc All rights reserved.

Home
Gospel
Question
Blog
Help