DIPESALEME 14 - Setswana 1970(TSW70)

Boikepo jwa motho(Pes. 53)

1Pesalome ya ga Dafita e e kwaletsweng moopedisi.

Lesilo le bua mo pelong ya lone

le re:

“Modimo ga o yo.”

Ba a senya, ba dira tsa maila;

ga go ope yo o dirang molemo.

2 Morena o lebile bana ba batho

a le mo legodimong,

go bona,

fa go le mongwe yo o botlhale,

yo o batlang Modimo.

3Ba fapogile botlhe,

ba senyega mmogo.

Ga go ope yo o dirang molemo,

le e seng a le mongwe fela.

4A botlhe ba ba dirang tshiamololo

ga ba na kitso,

bona ba ba metsang batho ba me

jaaka ba ja senkgwe?

Morena ga ba mmitse.

5Foo ba tla tshoga

mo go boitshegang;

gonne Modimo

o mo losikeng lo lo siameng.

6Maano a ba a logelang mmogisegi

a tla ba tlhabisa ditlhong,

gonne Morena

ke botshabelo jwa gagwe.

7E kete pholoso ya Iseraele

e ka bo e tla e e tswang mo Sione!

E ne e tla re Morena a fetola

tatlhego ya morafe wa gagwe,

Jakobe a duduetse,

Iseraele a itumele.

Blog
About Us
Message
Site Map

Who We AreWhat We EelieveWhat We Do

Terms of UsePrivacy Notice

2025 by iamachristian.org,Inc All rights reserved.

Home
Gospel
Question
Blog
Help