DIPESALEME 123 - Setswana 1970(TSW70)

A matlho a lelale kwa godimo

1Sefela sa go ya Tempeleng.

Ke tsholeletsa matlho

a me koo go wena,

yo o dutseng kwa legodimong.

2Bona, matlho a rona

a lebile Morena,

Modimo wa rona,

go ya a be a re tlhomogele pelo,

jaaka matlho a batlhanka

a lebile diatla tsa beng ba bona

le jaaka matlho a lelata

a lebile seatla sa mohumagadi

wa lone.

3Re tlhomogele pelo, Morena,

re tlhomogele pelo;

gonne re kgotshe nyatsego

go feta tekanyo.

4Mewa ya rona

e kgotshe tshotlo segolo

ya ba ba sa kgathaleng sepe

le lonyatso lwa ba ba ikgantshang.

Blog
About Us
Message
Site Map

Who We AreWhat We EelieveWhat We Do

Terms of UsePrivacy Notice

2025 by iamachristian.org,Inc All rights reserved.

Home
Gospel
Question
Blog
Help