JESAYA 53 - Setswana 1970(TSW70)

1Ke mang yo o dumetseng

tse re di utlwileng?

Letsogo la Morena

le ne le senoletswe mang?

2Motlhanka wa Morena

o ne a tlhoga fa pele ga gagwe

jaaka letlhogela le jaaka modi

mo lefatsheng

le le omeletseng.

O ne a se na popego le bontle,

fa re ka mo lebang;

a se na ponalo,

fa re ka mo eletsang.

3O ne a nyatsega,

a tlogelwa ke batho;

e le monna wa matlhoko,

a tlwaetse bolwetse;

e le yo ba mo fitlhelang

difatlhego;

a nyatsega,

mme ra se ka ra mo kaya sepe.

4Mme ruri ene o rwele

malwetse a rona,

a sikara matlhoko a rona;

mme rona ra itlhoma,

fa a bediwa,

a itewa ke Modimo,

a bogisiwa.

5Mme ene o phololeditswe

ka ntlha ya maleo a rona,

a teketelwa melato ya rona.

Petso ya mo wela

gore rona re bone kagiso.

Mme re fodisitswe

ka dintho tsa gagwe.

6Rona rotlhe re ne re timetse

jaaka dinku,

mongwe le mongwe wa rona

a fapogela

mo tseleng ya gagwe,

mme Morena o ne a digela

melato ya rona rotlhe

mo go ene.

7E rile a bogisiwa a ikokobetsa,

a sa bule molomo wa gagwe

jaaka kwanyana

e e isiwang kwa tlhabong

le jaaka nku e e leng semumu

fa pele ga babeodi ba yona.

Ee, ga a ka a bula molomo.

8O ne a ntshiwa

mo pitlaganong

le mo tshekisong.

Go ne ga tsaatsia mang

mo go ba ba phelang nae?

Gonne o ne a kgaolwa

mo lefatsheng la baphedi,

a otlwa mo go isang losong

ka ntlha ya boikepo

jwa morafe wa me.

9Ba ne ba mo naya lebitla

mo baikeping,

le fa a sa dira tshiamololo epe;

le fa go se tsietso

mo molomong wa gagwe;

mme ya re a swa,

a nna le mohumi.

10Mme go ne ga kgatlha Morena

go mo itaya

le go mo tlhokofatsa.

Fa a sena go ntshetsa bophelo

jwa gagwe setlhabelo sa boleo,

o tla bona losika,

a phela malatsi a mantsi,

mme tse di kgatlhang Morena

di tla tswelela pele

ka seatla sa gagwe.

11O tla bona tseo,

a kgora ka ntlha ya tapisego

ya mowa wa gagwe.

“Motlhanka wa me

yo o siameng

o tla siamisa ba bantsi

ka kitso ya go mo itse,

mme melato ya bone

ene o tla e rwala.

12Ka moo ke tla mo abela

boswa mo go ba bagolo;

o tla abanya thopo

le ba ba thata;

ka gonne o ne a neela

bophelo jwa gagwe

mo losong,

a balwa le baikepi.

Mme tota o ne a rwala

boleo jwa ba bantsi,

a rapelela baikepi.”

Blog
About Us
Message
Site Map

Who We AreWhat We EelieveWhat We Do

Terms of UsePrivacy Notice

2025 by iamachristian.org,Inc All rights reserved.

Home
Gospel
Question
Blog
Help