1Mme Jona a kgopisega thata, a ngala,
2a rapela Morena a re: “Ao, Morena, a ga ke a re jalo ke sa le mo lefatsheng la ga etsho? Ke ka moo ke neng ke itlhaganela go tshabela kwa Tharesise. Kana ke ne ke itse gore ò Modimo o o boitshwarelo le kutlwelo-botlhoko, o o bopelotelele le bopelotlhomogi jo bogolo, o o busang pelo mo bogaleng.
3Jaanong Morena, a ko o tlose mowa wa me mo go nna; gonne mo go nna go swa go molemo bogolo go go phela.”
4Ke fa Morena a re: “A ò a re ò tuka bogale ka tshwanelo?”
5Mme Jona a tswela kwa ntle ga motse, a nna fa fatshe mo ntlheng ya botlhabatsatsi ya motse; a itirela leobo gona, a nna fa tlase ga lone mo moriting go ya go fitlhelela a bone se se tla dirafalelang motse.
6Ke fa Morena a tlhogisa mokhure gore o okame Jona, o mo direle moriti mo tlhogong, o mo tlose mo ngalong ya gagwe. Mme Jona a itumelela mokhure oo thata thata.
7Jaanong ya re mahube a tlhatloga mo letsatsing la ka moso, Modimo wa laela seboko; sona sa fetlha mokhure oo, wa ba wa swaba.
8Ya re letsatsi le tswa, Modimo wa fokisa phefo e e bolelo ya botlhabatsatsi; ke fa letsatsi le tlhaba Jona mo tlhogong, a ba a nyema moko, a kopela mowa wa gagwe go swa a re: “Mo go nna go swa go molemo bogolo go go phela.”
9Mme Modimo wa raya Jona wa re: “A ò a re ò tuka bogale ka tshwanelo ka ntlha ya mokhure?”
A araba a re: “Ke tla tuka bogale ka tshwanelo go fitlha losong.”
10La bofelo Morena a re: “Wena ò tlhomogela mokhure pelo o ò sa itapisang ka ntlha ya ona, o ò sa o godisang. O godile mo bosigong bo le bongwe, wa ba wa nyelela mo bosigong bo le bongwe.
11Mme nna a ga ke a tshwanela go tlhomogela Ninife pelo, yo e leng motse o mogolo, o o nang le batho ba ba fetang 120 000 ba ba sa itseng go farologanya letsogo le le jang le la molema, le diphedi di le dintsi?”
Who We AreWhat We EelieveWhat We Do
2025 by iamachristian.org,Inc All rights reserved.
