MORERI 3 - Setswana 1970(TSW70)

Sengwe le sengwe se na le sebaka sa sona se se beilweng ke Modimo

1Sengwe le sengwe se na le nako ya sona. Maikaelelo mangwe le mangwe a na le sebaka sa ona fa tlase ga legodimo.

2Go na le sebaka sa go tsalwa

le sebaka sa go swa;

sebaka sa go tlhoma le sebaka

sa go kumola tse di tlhomilweng;

3sebaka sa go bolaya

le sebaka sa go alafa;

sebaka sa go rutla

le sebaka sa go aga;

4sebaka sa go lela

le sebaka sa go tshega;

sebaka sa go hutsafala

le sebaka sa go bina;

5sebaka sa go latlha matlapa

le sebaka sa go phutha matlapa;

sebaka sa go tlamparela le sebaka

sa go katogana le go tlamparela;

6sebaka sa go batla

le sebaka sa go latlhegelwa;

sebaka sa go boloka

le sebaka sa go latlha;

7sebaka sa go gagola

le sebaka sa go roka;

sebaka sa go didimala

le sebaka sa go bua;

8sebaka sa go rata

le sebaka sa go tlhoa;

sebaka sa ntwa

le sebaka sa kagiso.

9Tse modiri o itapisang ka tsona di mo thusa eng?

10Ke bonye tshwenyego e Modimo o e neetseng bomorwa-batho gore ba itapise ka yona.

11O dirile sengwe le sengwe sentle ka nako ya sona. Le gona o tsentse bosakhutleng mo dipelong tsa bone. Fela batho ga ba kgone go lemoga tiro e Modimo o e dirang go tswa tshimologong go ya bokhutlong.

12Ke a itse gore ga go na tse di ba siametseng sentle, fa e se go itumela le go dira tse di molemo mo maphelong a bone.

13Le gona motho mongwe le mongwe, fa a ja, a nwa, a ja monate mo tapisegong yotlhe ya gagwe, ke neo ya Modimo.

14Ke a itse gore tsotlhe tse Modimo o di dirang di tla nna ka bosakhutleng. Ga di ka ke tsa okediwa le e seng go fokodiwa. Mme Modimo o dirile jalo gore batho ba tle ba o boife.

15Tse di leng teng ga di bolo go nna teng; tse di tla nnang teng di tla bo di kile tsa nna teng. Modimo o tla tsosa tse di fetileng.

Mo lefatsheng go na le tshiamololo

16Le gona fa tlase ga legodimo ke bonye boikepo bo le mo felong ga tshiamo le tshiamololo e le mo felong ga molao.

17Ka ba ka gopola mo pelong ka re: “Modimo o tla atlhola mosiami le moikepi; gonne maikaelelo mangwe le mangwe le tiro nngwe le nngwe di na le sebaka sa tsona.”

18Ka ba ka akanya mo pelong ka re: “Ke ka ntlha ya bomorwa-batho gore Modimo o tle o ba leke, mme bone ba ipone, fa bone e le diphologolo ka fa ba ntseng ka teng.”

19Gonne tse di dirafalelang bana ba batho di dirafalela le diphologolo. Tatlhego ya bone e tshwana fela le ya tsone: Ba swa jaaka di swa. Mowa wa bophelo o le mongwe o mo go bone le mo go tsone. Ga go na sepe se motho o gaisang diphologolo ka sona. Gonne tsotlhe ke boithamako fela.

20Dilo tsotlhe di ya mo felong go le gongwe; tsotlhe di tswa mo leroleng, tsotlhe di boela mo leroleng.

21Ke mang yo o itseng gore mewa ya bana ba batho e tlhatlogela kwa godimo le gore mewa ya diphologolo e fologela kwa tlase mo lefatsheng?

22Ke lemogile gore ga go na lesego lepe le le phalang la motho yo o itumelelang ditiro tsa gagwe; gonne ke yona kabelo ya gagwe. Gonne ke mang yo o ka mo isang kwa o tla itumelelang teng tse di tla dirafalang morago ga gagwe?

Blog
About Us
Message
Site Map

Who We AreWhat We EelieveWhat We Do

Terms of UsePrivacy Notice

2025 by iamachristian.org,Inc All rights reserved.

Home
Gospel
Question
Blog
Help