JOBE 33 - Setswana 1970(TSW70)

1“Mme wena Jobe,

a ko o utlwe dipuo tsa me;

mafoko a me otlhe

o a sekegele tsebe!

2A ko o bone, ke butse molomo;

go bua loleme lwa me

mo magalapeng.

3Mafoko a me

ke a boammaaruri jwa pelo;

molomo wa me

o tla bua kitso e e phepa.

4Mowa wa Modimo o ntirile;

Mowa wa Mong-wa-thata-yotlhe

o a mphedisa.

5Fa o ka kgona, o mphetole;

ipaakanye o eme fa pele ga me!

6Bona, ke tshwana le wena

fa pele ga Modimo:

Le nna ke ngathilwe

mo letsopeng.

7Bona, a go mpoifa

go se ka ga go tshabisa;

ga nkitla ke go imela

ka kgatelelo ya me.

8Fela o buile

mo ditsebeng tsa me,

ka utlwa lentswe

le le buang mafoko le re:

9‘Ke itshekile, ga ke na boleo;

ke nna yo o phepa,

ga ke na molato.

10Bonang, Modimo o bonye

mabaka a go lwa le nna;

o nkaya mmaba wa ona.

11Dinao tsa me

o di bofeletse mo dikoteng;

o tlhokometse

ditsela tsa me tsotlhe.’

12Bona, ke a go fetola:

Gona fao ga o mo nneteng,

gonne Modimo o mogolo

bogolo go motho.

13Ke ka ntlha ya eng

fa ò o lwantsha ò re:

‘Ga o arabe lefoko lepe la me.’

14Gonne Modimo

o bua gangwe le gape,

mme motho ga a ele tlhoko:

15O bua ka toro, ka pono bosigo,

fa batho ba le borokong,

fa ba robetse mo malaong.

16Foo o thibolola batho ditsebe,

o ba tlhagisa ka go ba tshosa,

17gore o tlogedise motho

ditiro tse di bosula,

o latlhise monna boikgodiso;

18gore o boloke mowa wa gagwe,

a se ka a ya lebitleng,

le bophelo jwa gagwe gore

bo se ka jwa nyelela ka lerumo.

19Le gona o a tle a otlwe ka

botlhoko mo bolaong jwa gagwe

le ka ntwa e e sa feleng

mo marapong a gagwe.

20Bophelo jwa gagwe

bo mo tentshe bogobe;

mowa wa gagwe

o tenwe ke dijo tse di monate.

21Nama ya gagwe

e ote e sa tlhole e bonwa;

go bonale marapo a gagwe

a a neng a bipegile.

22Mowa wa gagwe

o atamele lebitla,

bophelo jwa gagwe

bo atamele ba ba tlisang loso.

23Jaanong fa go na le moengele

fa go ene,

motsereganyi a le mongwe

wa ba le sekete,

gore a itsise motho

tshwanelo ya gagwe,

24foo o tla mo tlhomogela pelo

a re:

‘Mo golole

a se ka a tsena mo lebitleng!

Ke bonye serekololo sa bophelo

jwa gagwe.’

25Foo nama ya gagwe

e tla ntšhwafala,

e tlala thata e ntšhwa;

o tla boela malatsing

a bošwa jwa gagwe.

26Fa a rapela Modimo,

ona o tla mo itumelela,

o mo lebisa sefatlhego sa ona

ka tuduetso,

o busetsa motho

tshiamo ya gagwe.

27Ene o tla opelela batho a re:

‘Ke ne ke leofile,

ka sokamisa tse di siameng,

mme Modimo ga o a nkotla

ka fa go ntebanyeng.

28O nthekolotse gore

ke se ka ka tsena mo lebitleng;

bophelo jwa me

bo ka itumelela lesedi.’

29Bonang, Modimo o direla motho

tsotlhe tseo gabedi le gararo,

30e le go mo thibela go ya lebitleng

gore a sedimosediwe

ka lesedi la bophelo.

31Ela tlhoko, Jobe, o nkutlwelele!

Didimala, ke tla bua!

32Fa o na le mafoko, mphetole!

Bua, gonne nka itumela,

fa o le mo nneteng.

33Fa o se na phetolo, ntheetse!

Didimala,

mme ke tla go ruta botlhale.”

Blog
About Us
Message
Site Map

Who We AreWhat We EelieveWhat We Do

Terms of UsePrivacy Notice

2025 by iamachristian.org,Inc All rights reserved.

Home
Gospel
Question
Blog
Help