DIPESALEME 55 - Setswana 1970(TSW70)

Go tshabela kwa sekakeng

1Sefela sa thuto sa ga Dafita se se kwaletsweng moopedisi, se opedisiwe ka kwadi ya dithapo.

2Modimo, reetsa thapelo ya me,

mme o se ka wa iphitlhela

mekokotlelo ya me.

3Ntlhokomele o nkarabe.

Ke kgarakgatshega

ka tshwenyego ya me,

ke ntse ke duma

4ka ntlha ya tlhodio ya mmaba,

ka ntlha ya kgatelelo ya moikepi;

gonne ba ntigela mo tatlhegong,

ba lwa le nna ba gaketse.

5Pelo ya me e hutagana

mo teng ga me,

dipoitshego tsa loso di nkwetse.

6Poifo le thoromo di a ntshwara,

letshogo le nkhurumeditse.

7Mme ke ne ka re:

“E kete nka bo ke na le diphuka

jaaka lephoi,

ke ne ke tla fofa,

ke ya go nna go sele.

8Bonang,

ke ne ke tla tshabela kwa kgakala,

ke nna teng kwa sekakeng. Sela.

9Ke ne ke tla akofa

ke batla botshabelo;

ke tshaba phefo ya matsubutsubu,

ke tshaba ledimo.”

10Morena, raraanya dipuo tsa bona,

o di tlhakatlhakanye;

gonne ke bona tshiamololo

le kganetsanyo mo motseng.

11Bosigo le motshegare ba o potologa

ba le mo dipoteng tsa ona,

mme mo teng ga ona

go tletse boikepo le tapisego.

12Tshiamololo e mo go ona;

mme patiko le tsietso ga di tloge

mo patlelong ya ona.

13Kana ga se mmaba

yo o ntshotlang,

– nka bo ke itshoka –

ga se yo o ntlhoileng,

yo o inkgodisetsang,

nka bo ke mo iphitlhela.

14Mme ke wena, motho-ka-nna,

tsala ya ka le moikanngwi wa ka,

15ba re neng re utlwana sentle,

re ya kwa Ntlong ya Modimo

le masomosomo a batho.

16A ba welwe ke loso;

a ba fologele kwa felong ga baswi

ba ntse ba tshela;

gonne bosula

bo mo maagong a bona,

mo teng ga bona.

17Mme nna ke bitsa Modimo,

mme Morena o tla nthusa.

18Ke tla lela, ke fegelwa maitsiboa

le mo mosong le motshegare,

mme o tla utlwa lentswe la me.

19O golola mowa wa me ka kagiso

mo tlhabanong e e ntlhasetseng;

gonne ba ntikile ka bontsi.

20Modimo o o sa leng

o nna bogologolo

mo sedulong sa bogosi o tla utlwa,

o ba kokobetsa,

ka go se na tlhabologo mo go bona,

ba sa boife Modimo. Sela.

21Mme o ntsheditse ba neng

ba agisantse nae diatla,

a senya kgolagano ya gagwe.

22Mafoko a molomo wa gagwe

a borethe jaaka sereledi,

pelo ya gagwe ke ntwa;

dipolelo tsa gagwe

di boleta go gaisa lookwane;

etswe e le ditšhaka

tse di somotsweng.

23Latlhela tshwenyego ya gago

mo Moreneng,

mme o tla go tlamela;

ga a kitla a leseletsa mosiami

ka gope go theekela.

24Mme Modimo,

wena o tla ba digela mo bodibeng

jwa tshenyego.

Banna ba polao le tsietso

ga ba ne ba fitlha

fa gare ga dinyaga tsa bona.

Mme nna ke ikanya wena.

Blog
About Us
Message
Site Map

Who We AreWhat We EelieveWhat We Do

Terms of UsePrivacy Notice

2025 by iamachristian.org,Inc All rights reserved.

Home
Gospel
Question
Blog
Help