DIPESALEME 26 - Setswana 1970(TSW70)

Thapelo yo mokopa-thuso yo o se nang molato

1Pesalome ya ga Dafita.

Ntshiamisetsa, Morena,

gonne ke ntse ke tsamaya

ke se na molato,

ke ikantse Morena

ke sa tshikinyege.

2Ntlhotlhomise, Morena, o nkeleke;

tlhatlhoba diphilo tsa me

le pelo ya me.

3Gonne bopelotlhomogi jwa gago

bo fa pele ga matlho a me,

mme ke tsamaya

mo boaammaaruring jwa gago.

4Ga ke nne le batho ba maaka,

ga ke phele le maferefere.

5Ke ila phuthego ya basulafatsi,

mme ga ke nne le baikepi.

6Ke tlhapa diatla

mo bosenangmolato,

mme ke tla potologa

aletare ya gago, Morena,

7gore ke utlwatse lentswe la pako

le go bolela dikgakgamatso tsotlhe

tsa gago.

8 Morena, ke rata boago

jwa Ntlo ya gago,

e bong felo fa kgalalelo ya gago

e agileng teng.

9Se gogoreletse mowa wa me

le baleofi,

le e seng bophelo jwa me

le batshololamadi;

10ba go leng ditshenyo

mo diatleng tsa bona,

ba mabogo a a jang a bona

a tletseng theko ya phaposo.

11Mme nna ke tsamaya

ke se na molato.

Nkgolola, Morena,

o be o intshwarele.

12Lonao lwa me lo eme

mo patlelong, ke tla tumisa

Morena mo diphuthegong.

Blog
About Us
Message
Site Map

Who We AreWhat We EelieveWhat We Do

Terms of UsePrivacy Notice

2025 by iamachristian.org,Inc All rights reserved.

Home
Gospel
Question
Blog
Help