MAREKO 11 - Setswana 1970(TSW70)

Jesu o tsena mo Jerusalema(Math. 21:1-11; Luka 19:28-38; Joh. 12:12-19)

1E rile ba atamela Jerusalema, kwa Bethefage le Bethania, fa Thabeng ya Diolefa, a roma barutwa ba gagwe ba le babedi,

2a ba raya a re: “Yaang kwa motsaneng o lo lebaganyeng nao; e tla re lo tsena mo go ona, lo akofe lo fitlhele eselana e golegilwe, e e iseng e ke e palangwe ke motho ope; e gololeng, lo e tsise.

3Fa mongwe a ka lo raya a re: ‘Lo direlang jalo?’ lo re: ‘Morena o a e batla, mme o tla akofa a e busetsa kwano.’ ”

4Ba tsamaya, ba fitlhela eselana e golegilwe fa mojako ka fa ntle mo mmileng, ba be ba e golola.

5Bangwe ba ba emeng teng ba ba raya ba re: “Lo dirang, fa lo golola eselana?”

6Barutwa ba ba araba jaaka Jesu a ba laetse, mme ba ba lesa.

7Ba isa eselana kwa go Jesu, ba baya dikobo tsa bone mo go yona; mme a e palama.

8Jaanong batho ba bantsi ba ala dikobo tsa bone mo tseleng; ba bangwe ba rema dikala mo ditlhareng, ba di ala mo tseleng.

9Mme ba ba eteletseng pele le ba ba setseng morago ba tlhaba mokgosi ba re: “Hosana! A go bakwe yo o tlang mo leineng la Morena!

10A go bakwe puso ya ga Rraetsho Dafita e e tlang; Hosana kwa magodimodimong!”

11Mme Jesu a tsena mo Jerusalema, a ya kwa Tempeleng. Ya re a sena go sekaseka tsotlhe, a tswela kwa Bethania, ka e ne e setse e le nako ya maitsiboa, a na le ba ba 12.

Mofeie o o omeletseng. Phepafatso ya Tempele(Math. 21:21-27; Luka 19:45-48; Joh. 2:14-17)

12Ya re kamoso ba tswa mo Bethania, a tshwarwa ke tlala.

13Mme a bonela mofeie kgakajana kwa pele o na le matlhare, a fitlha teng a re, e tla re gongwe a fitlhele sengwe mo go ona; ya re a fitlha fa go ona, a se ka a bona sepe, fa e se matlhare fela; gonne e ne e se sebaka sa difeie.

14Mme Jesu a tswa molomo, a o raya a re: “A go se nne ope yo o tlholang a ja leungo mo go wena le ka bosakhutleng.”

Barutwa ba gagwe ba utlwa.

15Jaanong ba fitlha mo Jerusalema; mme a tsena mo Tempeleng, a simolola go lelekela ba ba rekisang le ba ba rekang mo Tempeleng kwa ntle, a menola ditafole tsa ba ba ananyang madi, le ditulo tsa ba ba rekisang maphoi;

16mme a se ka a letlelela ope go ralala Tempele a tshotse sepe.

17A ba a ba ruta a re: “A ga go a kwalwa ga twe: ‘Ntlo ya me e tla bidiwa Ntlo ya thapelo ya ditšhaba tsotlhe’? Mme lona lo e dirile legaga la dinokwane.”

18Baperesiti ba bagolo le Baitsedikwalo ba utlwa, ba be ba batla ka fa ba ka mo nyeletsang ka teng; gonne ba ne ba mmoifa, ka batho botlhe ba gakgamaletse thuto ya gagwe.

19E ne e a tle e re go le maitsiboa a tswele kwa ntle ga motse.

Thuto ya mofeie

20Jaanong ya re ka moso phakela ba feta, ba bona mofeie o omeletse go tloga kwa meding.

21Foo Petoro a gakologelwa, a mo raya a re: “Rabbi, bona mofeie o ò o hutsitseng o omeletse.”

22Jesu a ba araba a re: “Nnang le tumelo mo Modimong.

23Ammaaruri ke lo raya ke re: Le fa e le mang yo o rayang thaba e a re: ‘Manologa o itatlhele mo lewatleng!’ a sa belaele mo pelong ya gagwe, a dumela gore se a se buang se tla dirafala, o tla direlwa jalo.

24Ke ka moo ke lo rayang ke re: Tsotlhe tse lo di kopang, lo rapela, le fa e ka nna eng, lo dumele gore lo di amogetse, mme lo tla di bona.

25E ne e re fa lo rapela lo eme, lo itshwarela yo lo gopolang molato wa gagwe, gore Rraeno yo o kwa magodimong le ene a lo itshwarele ditlolo tsa lona.

26Mme fa lona lo sa itshwarele, le ene Rraeno yo o kwa magodimong ga a nke a lo itshwarela ditlolo tsa lona.”

Ka ga kolobetso ya ga Johane(Math. 21:23-27; Luka 20:1-8)

27Jaanong ba fitlha gape kwa Jerusalema; ya re a tsamaya mo Tempeleng, ga tla baperesiti ba bagolo go ene, le Baitsedikwalo le bagolo ba morafe,

28ba mmotsa ba re: “Dilo tse o di dira ka thata efe? Gongwe ke mang yo o go neileng thata ya go dira dilo tse?”

29Jesu a ba raya a re: “Ke tla lo botsa lefoko le le lengwe fela; lo nkarabe, mme ke tla lo bolelela thata e ke dirang dilo tse ka yona:

30Kolobetso ya ga Johane a e ne e tswa kwa legodimong, gongwe mo bathong? Nkarabang!”

31Ba akanya mo go bone ba re: “Fa re ka re: ‘Kwa legodimong,’ o tla re: ‘Mme ke ka ntlhaang, fa lo ne lo sa mo dumele?’

32Mme fa re ka re: ‘Mo bathong.’ ” Foo ba be ba boifa batho; gonne botlhe ba ne ba kaya Johane moporofeti tota.

33Ba araba Jesu ba re: “Ga re itse.”

Jesu a ba raya a re: “Foo le nna ga ke lo bolelele gore ke dira dilo tse ka thata efe.”

Blog
About Us
Message
Site Map

Who We AreWhat We EelieveWhat We Do

Terms of UsePrivacy Notice

2025 by iamachristian.org,Inc All rights reserved.

Home
Gospel
Question
Blog
Help