JESAYA 62 - Setswana 1970(TSW70)

Jerusalema o a galalediwa

1Ka ntlha ya Sione

ga nkitla ke didimala,

le ka ntlha ya Jerusalema

ga nkitla ke ikhutsa,

go tsamaya tshiamo ya gagwe

e tswe jaaka phatsimo,

le pholoso ya gagwe

e tuke jaaka lobone

lo lo bonesang.

2Merafe e tla bona

tshiamo ya gago,

dikgosi tsotlhe

di bona kgalalelo ya gago.

O tla bidiwa ka leina le lešwa

le o le tewang

ke molomo wa Morena.

3O tla nna serwalo sa bogosi

se sentle mo seatleng

sa Morena le kuane ya bogosi

mo seatleng sa Modimo

wa gago.

4Ga o nke o tlhola o bidiwa

“Yo o tlogetsweng”;

ga ba nke ba tlhola

ba bitsa lefatshe la gago

“Bodutu”,

mme o tla bidiwa

“Yo o nkgatlhang”,

le lefatshe la gago

“Le le nyetsweng”;

gonne Morena

o tla kgatlhwa ke wena;

lefatshe la gago le tla nyalwa.

5Gonne Moagi wa gago

o tla go nyala

jaaka lekau le nyala lekgarebe;

Modimo wa gago

o tla go itumelela jaaka monyadi

a itumelela monyalwa.

6Jerusalema, ke tlhomile badisa

mo dipoteng tsa gago,

ba ba sa didimaleng bosigo

jotlhe le motshegare otlhe.

Lona ba lo gopotsang Morena,

lo se ka lwa ba lwa ikhutsa!

7Le ene lo se ka lwa ba

lwa mo ikhutsisa

go fitlhelela a tsose

Jerusalema,

a mo dire yo o tumileng

mo lefatsheng!

8 Morena o ikanne ka letsogo

le le jang,

ka letsogo le le thata,

a re: “Ga nkitla ke tlhola

ke neela

baba ba gago mabele a gago

go nna dijo tsa bone;

baeng ga ba nke ba nwa

matute a moweine a gago

a o a itapiseditseng.

9Nnyaya! Ba ba a robang

ba tla a ja go baka Morena;

ba ba a fulang ba tla a nwa

mo malapeng a a boitshepo

a me.”

10Tswaang, tswaang ka dikgoro,

baakanyang tsela ya morafe!

Katang ka mmu,

lo godise tsela e kgolo;

tlosang mafika,

lo tlhomele merafe sefoka!

11Bonang, Morena o utlwatsa

go fitlha bokhutlong

jwa lefatshe a re:

“Rayang morwadia Sione

lo re:

‘Bona, Mopholosi wa gago

o e tla; bona,

tuelo ya gagwe o na nayo,

papadi ya gagwe

e fa pele ga gagwe.’ ”

12Ba tla bidiwa

“Morafe o o Boitshepo”

le “Ba ba golotsweng

ba Morena”.

Mme wena o tla bidiwa

“Yo o batlilweng” le

“Motse o o sa tlogelweng”.

Blog
About Us
Message
Site Map

Who We AreWhat We EelieveWhat We Do

Terms of UsePrivacy Notice

2025 by iamachristian.org,Inc All rights reserved.

Home
Gospel
Question
Blog
Help