DIANE 26 - Setswana 1970(TSW70)

1Tlotlo e rona lesilo jaaka semathana se rona mo selemong le jaaka pula e rona mo kotulong.

2Thogako e e se nang lebaka ga e kitla e dirafala; e tshwana le thaga e e timelang le peolwane e e fofang e tloga.

3Seme se lebanye pitse le mogala esele, le thupa metlhana ya dieleele.

4Se arabe lesilo ka fa bosilong jwa lone, e se re gongwe le wena wa tshwana nalo.

5Mme fetola lesilo tse di tshwanetseng bosilo jwa lone gore le se ka la itshema letlhale.

6Yo o romelang mafoko ka lesilo o ikgaola maoto, o a siamololelwa.

7Seane mo melomong ya masilo se tshwana le maoto a segole a a repileng.

8Yo o tlotlang lesilo o tshwana le yo o bofelelang letlapa mo go seragamajwe.

9Seane melomong ya masilo ke letlhaku la mitlwa mo seatleng sa letagwa.

10Yo o rapang lesilo le bafeti ke mohudi yo o ntshang botlhe dintho.

11Lesilo le le boelelang bosilo jwa lone le tshwana le ntšwa e e boelang go ja matlhatsa a yona.

12Fa o bona monna yo o ikayang botlhale, lesilo le solofelwa go ka tlhabologa bogolo go ene.

13Setshwakga se a re: “Ledumedi le mo tseleng; tau e mo dipatlelong.”

14Motlapa o fetoga mo bolaong jwa ona jaaka setswalo se akgega mo mapegong a sona.

15Motlapa o tsenya seatla sa ona mo mogopong; mme go se isa kwa molomong go a o palela.

16Sebodu se itshema letlhale bogolo go banna ba supa ba ba itseng go araba sentle.

17Yo o itsenyang mo ntweng e e seng ya gagwe o tshwara ntšwa e e fetang ka ditsebe.

18Setsenwa se hula dirumola le metswi e e bolayang.

19Monna yo o tsietsang mongwe-ka-ene o ipata ka go re: “Kana ke tshameka fela,” o tshwana naso.

20Molelo o a tima, fa dikgong di fedile; phapaang e a khutla, fa go se na molotlhanyi.

21Monna wa phapaang o tsosa ntwa jaaka moubo o tukisa magala le dikgong di tukisa molelo.

22Mafoko a yo o senyang leina a tshwana le dijo tse di monate tse di fologelang kwa teng ga mala ka borethe.

23Fa molomo o tuka lorato, mme pelo e ntse e le mpe, ke lobeana fela lo lo manegilweng manyela a selefera.

24Motlhoi o itira morati ka molomo wa gagwe, mme o na le tsietso ka kwa teng.

25Fa a utlwatsa lentswe la lorato, se mo ikanye; gonne o na le bosupa jwa makgapha mo pelong ya gagwe.

26Le fa letlhoo le ka iphitlha ka tsietso, bosula jwa lone bo tla bonala mo phuthegong.

27Yo o epang lemena o tla wela mo go lone; yo o kgokolosang lefika o tla bolawa ke lone.

28Molomo wa maaka o tlhoa ba o ba pšhwetlileng; loleme lo lo borethe lo isa mo tatlhegong.

Blog
About Us
Message
Site Map

Who We AreWhat We EelieveWhat We Do

Terms of UsePrivacy Notice

2025 by iamachristian.org,Inc All rights reserved.

Home
Gospel
Question
Blog
Help