EKESODU 15 - Setswana 1970(TSW70)

Sefela sa tebogo sa Baiseraele

1Ka sebaka seo Moše le Baiseraele ba opelela Morena sefela, ke se, ba se tlhaba ba re:

“A nke ke opelele Morena,

gonne o mogolo thata.

Dipitse o di latlhetse mo

lewatleng le bapalami ba tsona.

2 Morena ke thata ya me

le sefela sa me;

ene e ne e le thuso ya me.

Ke ene Modimo wa me,

ke tla mo tumisa;

ke Modimo wa ga rre,

ke tla mo godisa.

3 Morena ke mogale tlhabanong;

leina la gagwe ke Morena.

4O digetse dikoloi tsa ga Farao

le mephato ya gagwe

mo lewatleng;

bagale ba ba tlhaotsweng

ba gagwe o ba nweditse

mo Lewatleng la Motlhaka.

5Dintelo di ba khurumeditse,

ba fologela madibeng

jaaka majwe.

6 Morena,

letsogo le le jang la gago

le galaleditswe ka thata;

Morena,

letsogo le le jang la gago

le tšhwetlakanya baba.

7Ba ba go tsogelang

o ba diga ka borena

jo bogolo jwa gago;

o tukisa bogale jwa gago,

bo ba ja jaaka dirite.

8Metsi a ne a kgobokanngwa

ka pudulo ya dinko tsa gago,

dintelo tsa ema jaaka lobota;

madiba a thema

mo gare ga lewatle.

9Mmaba a re:

‘Ke tla ba latela,

ke ba tshwara,

ke aba thopo,

ke kgorisa keletso ya me

ka bone;

ke tla somola tšhaka,

ke ba nyeletsa

ka letsogo la me.’

10Mme ya re o budula

ka phefo ya gago,

lewatle la ba khurumetsa;

ba rôrômela mo metsing

a magolo jaaka tshipi.

11 Morena,

ke mang mo medimong

yo o tshwanang le wena?

Ke mang yo o galaleditsweng

ka boitshepo,

yo o boitshegang ka ditiro

tse di bokwang,

yo o dirang dikgakgamatso

jaaka wena?

12E rile o otlolola letsogo

le le jang,

lefatshe la ba metsa.

13Ka bopelotlhomogi jwa gago

o gogile morafe

o ò o rekolotseng,

wa o isa kwa felong

fa go boitshepo ga gago,

ka thata ya gago.

14E rile merafe e utlwela jalo,

ya roroma;

metlotsedi ya tshwara

baagi ba Felesita.

15Foo dikgosana tsa Etomo

tsa tshoga,

teteselo ya wela beng ba thata

ba Moabe;

baagi botlhe ba Kanana

ba roroma.

16Poifo ya ba wela le therego,

ba tlhoka puo jaaka lefika

ka ntlha ya bogolo

jwa letsogo la gago;

go fitlhelela morafe wa gago

o fete, Morena;

go fitlhelela morafe

o ò o rekolotseng o fete.

17O tla ba fitlhisa,

o ba baya mo thabeng

e e leng ya gago,

Morena, mo felong

fa o go ipaakanyeditseng

go nna gona;

mo felong fa go boitshepo,

fa go etleeditsweng

ke diatla tsa gago, Morena.

18 Morena o tla busa ka gale

le ka bosakhutleng.”

Sefela sa ga Miriame

19Gonne go tsenye dipitse tsa ga Farao le dikoloi tsa gagwe le bapalami ba tsona mo lewatleng, mme Morena a busa metsi a lewatle; ona a ba khurumetsa. Mme Baiseraele ba tsamaya fa go omeletseng, fa ba tshela lewatle.

20Le Miriame, moporofeti wa sesadi, kgaitsadia Arone, a tsaya moropana ka letsogo; basadi botlhe ba tswa, ba mo sala morago ba tshotse meropana, ba ntse ba bina.

21Mme Miriame a ba tlhabela sefela a re:

“A re bakeng Morena,

gonne o mogolo thata.

O digetse dipitse

le bapalami ba tsona

mo lewatleng.”

Metsi a kwa Mara

22Jaanong Moše a tsweletsa Baiseraele pele, ba tloga kwa Lewatleng la Motlhaka ba ya kwa sekakeng sa Sure; ba sepela malatsi a le mararo ba sa bone metsi.

23Ya re ba fitlha kwa Mara, ba palelwa ke go nwa metsi a teng; gonne a ne a galaka. Ke ka moo leina la felo foo go tweng Mara.

24Mme batho ba ngongoregela Moše ba re: “Re tla nwa eng?”

25Jaanong ya re ene a goela kwa Moreneng, Morena a mo supetsa setlhatshana sengwe; ya re a sena go se latlhela mo metsing, metsi a nna monate. Gona foo a ba beela melao le dikaelo, foo a ba leka

26a re: “Fa ò utlwa lentswe la Morena Modimo wa gago ka boikanyo, o dira tse di siameng mo matlhong a gagwe, o sekegela ditaolo tsa gagwe tsebe, o tshegetsa melao yotlhe ya gagwe, ga nkitla ke go bolaisa bolwetse bope jo ke watlhaileng Baegepeto ka jona. Gonne nna Morena ke tla nna ngaka ya gago.”

27Morago ga moo ba fitlha kwa Elime, fa go neng go le metswedi e le 12 le ditlhare tsa mekolane di le 70. Ba thibelela teng fa metsing.

Blog
About Us
Message
Site Map

Who We AreWhat We EelieveWhat We Do

Terms of UsePrivacy Notice

2025 by iamachristian.org,Inc All rights reserved.

Home
Gospel
Question
Blog
Help