JESAYA 61 - Setswana 1970(TSW70)

Mafoko a boitumelo ka ga pholoso e e tlang

1Mowa wa Morena Modimo

o mo go nna,

ka gonne Morena o ntloditse,

a nthoma go rerela babogisegi

mafoko a boitumelo le go alafa

ba ba pelo-di-phatlogileng

le go itsise batshwarwi kgololo

le ba ba golegilweng

go bulwa ga kgolegelo,

2le go bega ngwaga

wa bopelotlhomogi

wa Morena

le letsatsi la pusoloso

la Modimo wa rona;

e le go gomotsa botlhe

ba ba hutsafetseng,

3le go naya ba ba hutsafetseng

ba Sione mokgabo wa tlhogo

boemong jwa molora

le lookwane lwa boitumelo

boemong jwa diaparo

tsa khutsafalo

le kopelo ya pako

boemong jwa mowa

o o kgobegileng marapo.

Mme ba tla bidiwa

ditlhare tsa metherebinthe

tsa pholoso

le ditlhomiwa tsa Morena

gore a ikgalaletse ka tsona.

4Mme ba tla aga

marope a kgale,

ba tsosa matlotla

a bogologolo,

ba ntšhwafatsa metse

e e sentsweng,

e leng marope a ditshika

tsotlhe.

5Baeng ba tla ema,

ba disa dinku tsa lona;

ba ditšhaba

e tla nna balemedi ba lona

le batlhomi ba meweine

ya lona.

6Mme lona lo tla bidiwa

baperesiti ba Morena;

ba tla lo bitsa badiredi

ba Modimo wa rona.

Lo tla ja khumo ya ditšhaba,

lo itumisa ka kgalalelo

ya tsona.

7Boemong

jwa ditlhong tsa lona

lo tla busediwa gabedi.

Boemong jwa kgobo

ba tla dudueletsa

kabelo ya bone.

Ee, ba tla rua kabelo tse pedi

mo lefatsheng la bone,

ba na le boitumelo

jo bo sa khutleng.

8“Gonne nna Morena

ke rata tshiamo,

ke ila thukhutho

ya bopelompe.

Ke tla ba naya tuelo ya bone

ka boikanyego,

ke dira kgolagano

e e sa khutleng le bone.

9Losika lwa bone

lo tla itsiwe mo ditšhabeng,

le bana ba bone

mo gare ga merafe.

Botlhe ba ba ba bonang,

ba tla lemoga gore

bone ke losika lo Morena

o lo tshegofaditseng.”

10Ke itumela ka pelo yotlhe

mo Moreneng!

A mowa wa me o dudueletse

Modimo wa me!

Gonne o nkapesitse

diaparo tsa pholoso,

a nkhurumetsa ka kobo

ya tshiamo

jaaka monyadi

a rwala mokgabo

wa tlhogo wa moperesiti,

le jaaka monyalwa a ikgabisa

ka mekgabiso ya gagwe.

11Gonne lefatshe le godisa

tse di melang mo go lone,

tshimo e tlhogisa

tse di jwetsweng mo go yona:

Morena Modimo o tla tlhogisa

tshiamo le tumiso jalo

fa pele ga ditšhaba tsotlhe.

Blog
About Us
Message
Site Map

Who We AreWhat We EelieveWhat We Do

Terms of UsePrivacy Notice

2025 by iamachristian.org,Inc All rights reserved.

Home
Gospel
Question
Blog
Help