DIPESALEME 16 - Setswana 1970(TSW70)

Modimo o molemo bogolo bogolo

1Loboko lwa ga Dafita.

Modimo, mpoloke,

gonne ke ikanya wena!

2Ke reile Morena ka re:

“Ke wena Morena wa me,

ga ke na molemo ope

kwa ntle ga gago.”

3Fa e le baitshepi

ba ba mo lefatsheng,

bona batlotlegi

ke ba ba nkgatlhang.

4Dipogo tsa bona ba ba ipatlelang

medimo e sele di tla ntsifala.

Ga nkitla ke e isetsa ditshupelo

tsa madi,

le e seng go bua maina a yona

ka molomo wa me.

5 Morena

ke kabelo ya boswa jwa me,

le ya senwelo sa me;

o tshegeditse kabelo ya me.

6Melelwane e ntiteetse

ka fa mafelong a a monate.

Ee, ke na le boswa jo bontle.

7Ke tla baka Morena

yo o nkgakolotseng.

Ee, le mo bosigong diphilo tsa me

di a nkaela.

8Ke ntse ke emisitse Morena

fa pele ga matlho a me;

ga nkitla ke tshikinyega,

ka a nkeme ka fa letsogong

le le jang.

9Ka moo pelo ya me e a itumela,

le mowa wa me o a ipela;

mmele wa me le ona

o tla ikhutsa o iketlile.

10Gonne

ga o kitla o tlogela mowa wa me

go tsena mo bobipong,

le e seng go leseletsa moitshepi

wa gago go bona go bola.

11O tla nkitsise tsela ya bophelo;

go kgora boitumelo,

go fa pele ga sefatlhego sa gago,

le go ja monate

fa letsogong le le jang la gago

ka bosakhutleng.

Blog
About Us
Message
Site Map

Who We AreWhat We EelieveWhat We Do

Terms of UsePrivacy Notice

2025 by iamachristian.org,Inc All rights reserved.

Home
Gospel
Question
Blog
Help