JOBE 17 - Setswana 1970(TSW70)

1“Mowa wa me o a fela,

malatsi a me a a tima;

ke lebitla fela le le ntshaletseng.

2Ruri, ditshotlo ke kabelo ya me;

matlho a me a lala a ledisiwa

ke dikomano tsa bone.

3A ko o mpeele,

o nkemele mo go wena!

Yo mongwe kana ga a teng

yo o ka nkemelang!

4O subetse pelo tsa bone

tlhaloganyo;

ka moo ga o kitla

o ba naya phenyo.

5Yo o batlang kabelo

ka go eka ba ga gabo,

bana ba gagwe

ba tla rotola matlho.

6Nna o ntirile seane sa batho;

ke fetogile yo o kgwelwang

mathe mo sefatlhegong.

7Matlho a me a fifetse

ka botlhoko;

ditokololo tsa me tsotlhe

di tshwana le moriti fela.

8Ka ntlha ya tseo go rerega

ba e leng ba nnete;

ba ba se nang molato

ba tsogela baikepi.

9Mme mosiami o tla sala

mo tseleng ya gagwe;

yo o diatla di phepa

o tla nna a tiela pele.

10Mme lona lotlhe,

a ko lo tle gape;

fela ga nka ke ka bona

yo o botlhale mo go lona.

11Malatsi a me a fetile.

Maano a me a senyegile

a pelo ya me e a tlhoafaletseng.

12Bosigo ba bo dira motshegare

ba re: ‘Lesedi le gaufi,

le fa go ntse go le lefifi fela.’

13Ke letile felo ga baswi ka re,

ke ntlo ya me;

bolao jwa me

ke bo ala mo lefifing.

14Ke raya phupu ke re: ‘O rre’;

le diboko, ke re:

‘Lo mme’ le ‘kgaitsadiake.’

15Tse ke di lebeletseng di kae?

Tse ke di solofelang

di bonwa ke mang?

16Di fologela dikgorong

tsa felo ga baswi,

fa go robetswe mmogo leroleng.”

Blog
About Us
Message
Site Map

Who We AreWhat We EelieveWhat We Do

Terms of UsePrivacy Notice

2025 by iamachristian.org,Inc All rights reserved.

Home
Gospel
Question
Blog
Help