DIPESALEME 64 - Setswana 1970(TSW70)

Petso ya baba ba mosiami

1Pesalome ya ga Dafita e e kwaletsweng moopedisi.

2Modimo, utlwa lentswe la me,

fa ke lela;

boloka bophelo jwa me,

fa ke tshosiwa ke mmaba.

3Mphitlhe ke fitlhegele maikaelelo

a basulatsi le pheretlhego

ya badiratshiamololo;

4ba ba looditseng diteme tsa bona

jaaka ditšhaka

ba supile ka metsu ya bona,

e bong mafoko a a galakang,

5go hula mosiami ba mo laletse,

ba mo hula ka tshoganyetso,

ba sa boife.

6Ba ikaeletse go dirafatsa maano

a a bosula,

ba bolela go thaisa ka mitlwane

e e subilweng ba re:

“Go tla bona mang?”

7Ba akanya boikepo ba re:

“Re sweditse,

re logile maano a mantle.”

Mogopolo wa motho o botengteng,

le pelo ke lengôpe.

8Mme Modimo o tla ba hula

ka motsu;

dipetso tsa bona di tla tla

ka tshoganyetso.

9Ba tla digwa ke diteme tsa bona;

botlhe ba ba ba lebileng

ba thukhutha ditlhogo.

10Mme batho botlhe ba tla boifa,

ba bolela tiro ya Modimo,

ba tlhokomela se o se dirang.

11Mosiami o tla itumela

mo Moreneng,

a batla botshabelo fa go ena;

mme botlhe ba ba dipelo

di tlhamaletseng

ba tla itumisa ka Morena.

Blog
About Us
Message
Site Map

Who We AreWhat We EelieveWhat We Do

Terms of UsePrivacy Notice

2025 by iamachristian.org,Inc All rights reserved.

Home
Gospel
Question
Blog
Help