NAHUME 2 - Setswana 1970(TSW70)

Polelelopele e e reng: Ninife o tla nyelediwa

1Go bolotse mophatlakanyi,

a go tsogela, Ninife;

disa dikago tsa phemelo,

ò tlhole baba mo tseleng,

ò tiise letheka la gago,

ò thatafatse nonofo segolo.

2Gonne Morena o tla busa kgalalelo ya Jakobe le kgalalelo ya Iseraele; gonne dinokwane di ba thukhuthile, tsa senya dikala tsa meweine ya bone.

3Dithebe tsa bagale ba gagwe

di hubiditswe,

batlhabani ba apere bohibidu;

tshipi ya dikoloi tsa ntwa

e phatsima jaaka molelo

ka letsatsi le o di baakanyang

ka lone,

mme marumo a a kgadikanngwa.

4Dikoloi di taboga ka lobelo

lo logolo mo mekgwatheng,

di fapaakana mo dipatlelong;

di bonala jaaka dirumola,

di taboga di boa

jaaka dikgadima.

5E tla bitsa bagale ba yona,

mme ba tla kgotšwa

mo ditseleng tsa bone;

ba itlhaganela

ba ya kwa loboteng lwa motse,

mme leobo la tlhaselo

le setse le baakantswe.

6Dikgoro tsa dinoka di bulegile;

ntlo ya borena e a nyelela.

7Mohumagadi Husabe

o a apolwa, o a tlosiwa;

malata a gagwe a lela

jaaka maeba, a ithwala megono.

8Ninife o tshwana le letsha

la metsi le metsi a lone a tshabang.

Le fa go twe:

“Emang tlhe, emang!”

Ga go na ope yo o retologang.

9Thopang selefera,

thopang gouta!

Dithoto ga di fele.

Go na le bontsi jwa mefutafuta

jwa dilo tse di eletsegang.

10Ninife o thukhuthilwe,

ga go na sepe,

o ntshitswe sekaka.

Ba nyemile moko,

mangole a a tetesela,

matheka otlhe a botlhoko;

ba botlhe ba swabile difatlhego.

11Jaanong kutla ya ditau e kae?

Bo kae bojelo jwa ditawana

kwa tau e tona le e namagadi le

tawana di neng di itsamaela teng

go se yo o di tshosang?

12E kae tau e e neng

e gagogela ditawana

ka fa go lekanyeng ka teng,

e bolaela ditau tse dinamagadi;

e tlatsa dikutla tsa yona thopo,

le marobalo a yona

tse e di gagotseng?

13“Bona, ke tla go tsogela,” go bua Morena wa masomosomo. “Dikoloi tsa gago ke tla di fisa ka molelo, di nyelela mo musing. Tšhaka e tla ja ditawana tsa gago, ke tla khutlisa go thopa ga gago mo lefatsheng. Ga go nke go tlhola go utlwiwa lentswe la barongwi ba gago.”

Blog
About Us
Message
Site Map

Who We AreWhat We EelieveWhat We Do

Terms of UsePrivacy Notice

2025 by iamachristian.org,Inc All rights reserved.

Home
Gospel
Question
Blog
Help