HESEKIELE 24 - Setswana 1970(TSW70)

Mafoko a bofelo a a lebileng motse wa Jerusalema o ise o senngwe

1Ka ngwaga wa robongwe ka kgwedi ya lesome ka letsatsi la lesome Lefoko la Morena la tla kwa go nna la re:

2“Morwa-motho, ikwalele leina la letsatsi, la letsatsi lone le la kajeno. Kgosi ya Babele e tlhasetse Jerusalema ka letsatsi lone le.

3Mme ba losika lwa dirukhutlhi ò ba bolelele setshwantsho, ò ba ree ò re: ‘Morena Modimo o bua jaana o a re:

“ ‘Tlhatlega pitsa, e tlhatlege;

ò be ò e tlhadie.

4Tsenya dinama mo go yona;

dinama tsotlhe tse di bonolo

tsa dirope le tsa mabogo;

e tlatse marapo a a tlhophilweng.

5Tsaya nku e e tlhaotsweng

ya letsomane,

o tshube dikgong fa tlase

ga pitsa.

Apaya dinama tsa yona

mmogo le marapo.’ ”

6Ka moo Morena Modimo o bua jaana o a re: “A tatlhego wee ya motse wa go tsholola madi, ya pitsa e marale a leng mo go yona, e marale a sa tlogeng mo go yona. Ntsha dinama, nngwe ka nngwe fela. Ga di tlhamelwe tengwa.

7Gonne madi a motse a sa le mo go ona; o a tshololetse mo lefikeng le le borethe; ga o a a tshololela fa fatshe, go a tshelela ka mmu.

8Madi a o a tsholotseng ke a beile mo lefikeng le le borethe gore a se ka a bipega, mme a tsose bogale jwa me, a dirafatse pusoloso.”

9Ke ka moo Morena Modimo o buang jaana o re: “A tatlhego wee ya motse wa go tsholola madi. Le nna ke tla kgobokanya mokoa wa dikgong.

10Tlisa dikgong tse dintsi, o gotse molelo; budusa nama, o kgadise moro gore marapo a šwe.

11Jaanong tlhatlega pitsa mo magaleng a teng, e se na sepe, gore e nne bolelo, kgotlho ya yona e butswe, ditshila tse di mo go yona di gakologe, morodu o nyelele.

12Mme matsapa aotlhe ke lefela: Morodu o montsi wa yona ga o tlosiwe ka molelo. Morodu wa yona o a pala.

13E re ka ò ikgotletse ka tiro e e tlhabisang ditlhong, le ka ke go tlhapisitse, mme wa se ka wa itsheka, ka moo ga o kitla ò tlhola ò itsheka go fitlhelela ke dirafatse bogale jwa me mo go wena.

14Nna Morena ke buile jalo. Go e tla, ke tla dira jalo, ke sa tlhokomologe sepe, ke sa tlhomoge pelo, ke sa utlwele sepe botlhoko. Ke tla go atlhola ka fa ditirong tsa gago.” Morena Modimo o a re jalo.

Loso lwa mosadi wa moporofeti

15Lefoko la Morena la ba la tla kwa go nna la re:

16“Morwa-motho, bona, ke tla tlosa mosadi yo o kgatlhang matlho a gago ka loso lwa tshoganyetso. Mme ò se hutsafale, ò se lele, ò se tsholole dikeledi;

17ò fegelwe ka tidimalo; ò se ka wa direla moswi wa gago khutsafalelo. Rwala kuane, ò be ò rwale ditlhako mo dinaong. Se ipipe ditedu. Se je bogobe jwa mogoga.”

18Ka tsoga ka bua le morafe mo mosong, mme mantsiboana mosadi wa me a swa. Jaanong ka moso ka dira jaaka ke laetswe.

19Ke fa batho ba mpotsa ba re: “A ga ò ka ke wa re bolelela gore tseo di re kaela eng, fa ò dira jalo?”

20Ka ba raya ka re: “Lefoko la Morena le tsile kwa go nna la re:

21Bolelela Baiseraele ò re: ‘Morena Modimo o bua jaana o a re: Bonang, ke tla itshepolola Felo-fa-go-Boitshepo ga me, fa e leng boikgantsho jwa thata ya lona le kgatlhego ya matlho a lona le tlhologelelo ya dipelo tsa lona. Mme bomorwaa-lona le bomorwadia-lona ba lo ba tlogetseng ba tla wa ka tšhaka.

22Jaanong lo tla dira jaaka ke dirile: Ga lo nke lo ipipa ditedu, le e seng go ja bogobe jwa mogoga.

23Lo tla bo lo rwele dikuane mo ditlhogong le ditlhako mo dinaong, lo sa hutsafale, lo sa lele, mme lo tla tlhorega ka maleo a lona, mongwe le mongwe a hutsafalela mo go yo mongwe.

24Hesekiele o tla nna sekao mo go lona; mogang go dirafalang, lo tla dira fela jaaka a dirile. Foo lo tla itse gore ke nna Morena Modimo.’

25“Mme wena morwa-motho, ruri, e tla re ka letsatsi le ke tlosang phemelo mo go bone le mokgabo o ba o itumelelang le kgatlhego ya matlho a bone le tlhologelelo ya dipelo tsa bone le bomorwaa-bone le bomorwadia-bone;

26ka letsatsi leo mofalodi o tla tla kwa go wena go di go begela.

27Ka letsatsi leo ò tla bofologa loleme, ò bua le mofalodi, ò sa tlhole ò didimala; ò tla nna sekao mo go bone. Ba tla itse gore ke nna Morena.”

Blog
About Us
Message
Site Map

Who We AreWhat We EelieveWhat We Do

Terms of UsePrivacy Notice

2025 by iamachristian.org,Inc All rights reserved.

Home
Gospel
Question
Blog
Help