JESAYA 41 - Setswana 1970(TSW70)

Modimo o tla thusa Baiseraele ka kgosi Korese

1Lona ditlhakatlhake,

ntheetseng ka tidimalo;

lona merafe,

a thata ya lona e ntšhwafale!

A ba atamele, ba fete ba bue!

A re tseneng mmogo

mo tshekong!

2Ke mang yo o mo tsositseng

kwa botlhabatsatsi

yo o bonang phenyo gongwe

le gongwe fa a gatang teng?

Ke mang

yo o mo neelang ditšhaba

gore a gatake dikgosi?

Ke mang yo o ba neelang

mo tšhakeng ya gagwe

gore ba tshwane le lerole,

le mo boreng jwa gagwe

gore ba tshwane le moko

o o gogolwang?

3O a ba leleka, a fetela pele,

a sa kgorelediwe ke ope;

ga a ame tsela ka dinao tsa

gagwe.

4Ke mang yo o ikaeletseng tseo,

a ba a di dirafatsa?

Ke yo o bitsang ditshika tsa batho

go tswa tshimologong;

ke nna Morena ke le wa ntlha;

le mo go ba bofelo

e ntse e le nna.

5E rile ditlhakatlhake

di bona tseo, tsa boifa;

dikhutlo tsa lefatshe tsa roroma,

tsa atamela, tsa tla.

6Ba a thusanya, ba a raana ba re:

“Tiang!”

7Mmetli a nametsa yo o batolang

mo sethulelong a re:

“Se re se lomantseng

ke se se molemo.”

A feta a se kokotela ka dimapo

gore se se ka sa reketla.

8“Mme wena Iseraele,

motlhanka wa me;

wena Jakobe,

yo ke go itlhaoletseng;

losika lwa ga Aborahame,

tsala ya me;

9wena yo ke go tsereng

kwa makhutlong a lefatshe,

ka go bitsa

go tswa kwa thoko ga lone,

ka go raya ka re:

‘O motlhanka wa me!’

Ke go itlhaoletse,

ga ke a go nyatsa.

10Se boife, gonne ke na nao!

Se tlalelwe,

gonne ke Modimo wa gago!

Ke a go tiisa, ee, ke a go thusa,

ee, ke go tshegeditse ka letsogo

la me le le jang le le pholosang.

11Bona, botlhe

ba ba go gakaletseng

ba tla tlhajwa ke ditlhong,

ba nyatsega;

banna ba ba lwang nao

ba tla nyelela, ba latlhega.

12O tla batla banna

ba ba lwang nao,

mme ga o no o ba bona;

banna ba ba tlhabanang nao

ba tla fela,

ba fetoga lefelafela.

13Gonne nna Morena

ke Modimo wa gago;

ke go tshwara letsogong

le le jang,

ke go raya ke re:

‘Se boife, ke a go thusa!’ ”

14Se boife, wena sebokwana

sa Jakobe, le wena morafenyana

wa Iseraele! Morena a re:

“Ke a go thusa.

Mogolodi wa gago

ke Moitshepi wa Iseraele.

15Bona, ke go dira sephothi

se sešwa

se se bogale se se meno a mantsi;

o tla photha dithaba, o di sila,

o fetola meboto moko.

16O tla di fefera;

phefo e tla di gogola,

ledimo le di phatlalatsa,

mme wena

o tla dudueletsa Morena,

o itumisa

ka Moitshepi wa Iseraele.

17“Babogisegi le bahumanegi

ba batla metsi, mme ba a tlhoka;

diteme tsa bone

di omeletse ka lenyora:

Ke nna Morena

ke tla ba utlwang;

nna Modimo wa Iseraele,

ga nkitla ke ba tlogela.

18Ke tla phunya dinoka

mo dithoteng tse di iphotlhereng

le didiba mo maboeng;

sekaka ke tla se dira

letsha la metsi,

le naga e e omileng e tla tswa

metswedi.

19Ke tla tlhoma mesetere le meoka

le metlhakolane le metlhware

mo sekakeng;

ke jwala mmogo ditlhare tsa

mesiperese le tsa palatane le tsa paina

mo leboeng,

20gore botlhe ba bone, ba itse,

ba ele tlhoko, ba tlhaloganye,

fa e le seatla sa Morena

se se dirileng jalo;

fa e le Moitshepi wa Iseraele

yo o di tlhodileng.

Phadisanyo ya Modimo le medimo

21“Lona medimo,

tlisang kgang ya lona!”

Morena o bua jalo.

“Atametsang mabaka a a thata

a lona!”

Kgosi ya ga Jakobe e bua jalo.

22“A e atamele,

e re itsise tse di tla dirafalang!

Re itsiseng tse di dirafetseng

mo metlheng ya pele

gore ke tse dife,

gore re di ele tlhoko,

re itse bokhutlo jwa tsona.

Gongwe re utlwiseng

tse di tla dirafalang.

23Re itsiseng tse di tla dirafalang

kwa pele,

gore re tle re itse

fa lo le medimo!

Ee, dirang tiro e le nngwe fela,

e e molemo le fa e le e e bosula,

gore re gakgamale,

re e bone rotlhe.

24Bonang, lona ga lo ba sepe;

le tiro ya lona ga se ya sepe.

Yo o lo itlhaolelang o maila.

25“Mme nna ke tsositse

kwa bokone yo o tsileng,

le kwa botlhabatsatsi

yo o tla rapelang leina la me

gore a gatake barena ba bagolo

jaaka mmopa

le jaaka mmopi a duba letsopa.

26Ke mang yo o itsisitseng jalo

go tswa mo tshimologong

gore re tle re itse;

le go tswa kgale

gore re tle re bue re re:

‘O mo nneteng’?

Kana, go ne go se ope

yo o itsiseng,

go se ope yo o utlwisang,

go se ope yo o utlwang

mafoko a lona!

27Ke nna wa ntlha ke itsisitseng

Sione jalo ka re, ke tseo;

ka naya Jerusalema

motlhaba-mokgosi

wa boitumelo.

28Mme ya re ke leba tikologong,

ga bo go se ope le mo go bale;

mme go se na bagakolodi

ba nka ba botsang

gore ba mpusetse karabo.

29Bonang,

botlhe ba boithamako fela,

ditiro tsa bone ga se tsa sepe;

medimo ya diseto ya bone

ke phefo fela, ke ya lefelafela.”

Blog
About Us
Message
Site Map

Who We AreWhat We EelieveWhat We Do

Terms of UsePrivacy Notice

2025 by iamachristian.org,Inc All rights reserved.

Home
Gospel
Question
Blog
Help