DIPESALEME 46 - Setswana 1970(TSW70)

Modimo ke botshabelo

1Sefela sa boora Kora se se kwaletsweng moopedisi, se opelwa ka lentswe la motenyane.

2Modimo ke botshabelo jwa rona

le thata ya rona;

o itshupile gantsi

e le thuso mo ditlalelong.

3Ke gona ka moo re sa boifeng,

le fa lefatshe le ka roroma,

le fa dithaba di ka kgokgoetsegela

mo botennye jwa lewatle;

4le fa metsi a lone a ka gwasa,

a phoka lefulo,

le fa dithaba di ka roroma

ka go gogomoga ga lone. Sela.

5Dikelelo tsa noka

di itumedisa motse wa Modimo,

e bong Felo-ga-Boitshepo

a maago a Mogodimodimo.

6Modimo o mo teng ga ona,

ga o kitla o tshikinyega;

Modimo o a o thusa,

fa bosigo bo sa.

7Merafe e ne e tsosa moferefere,

magosi a reketla;

wa dumisa maru a ona,

mme lefatshe la roroma.

8 Morena wa masomosomo

o na le rona,

Modimo wa ga Jakobe

ke botshabelo jwa rona. Sela.

9Tlayang lo lebe ditiro tsa Morena

yo o dirang setlhogo mo lefatsheng;

10yo o khutlisang dintwa

go ya kwa bokhutlong jwa lefatshe;

yo o robang bora,

a robaganye lerumo,

a fise dikoloi tsa ntwa ka molelo!

11“Khutlang lo itse,

fa ke le Modimo;

ke mogolo mo merafeng,

ke mogolo mo lefatsheng.”

12 Morena wa masomosomo

o na le rona,

Modimo wa ga Jakobe

ke botshabelo jwa rona. Sela.

Blog
About Us
Message
Site Map

Who We AreWhat We EelieveWhat We Do

Terms of UsePrivacy Notice

2025 by iamachristian.org,Inc All rights reserved.

Home
Gospel
Question
Blog
Help