DIPESALEME 49 - Setswana 1970(TSW70)

Thata ya loso

1Pesalome ya boora Kora e e kwaletsweng moopedisi.

2Utlwang dilo tse,

lona merafe yotlhe;

reetsang lona lotlhe,

ba lo agileng mo lefatsheng,

3ba babotlana le ba bagolo,

bahumi le bahumanegi mmogo;

4molomo wa me o tla bua botlhale,

mme se pelo ya me e se akanyang

ke tlhaloganyo.

5Ke tla sekegela seane tsebe;

thabalakane ya ka

ke tla e ranola ka harepa.

6Kana ke tla boifelang

mo malatsing a tlalelo,

fa boikepo jwa basenyetsi ba me

bo ntikanyeditse,

7jwa bona ba ba ikantseng

letlotlo la bona,

ba belafalela khumo

e kgolo ya bona?

8Ga go na ope yo o ka rekololang

morwa-rraagwe,

le fa e le go ntshetsa Modimo tefo

e e mo gololang –

9gonne thekololo ya botshelo

jwa gagwe e kgolo thata,

mme o tla tlhobogela ruri

go e ntsha –

10gore a phelele ruri

ka bosakhutleng,

a se bone tshenyego.

11Gonne go bonwa gore batlhalefi

ba a swa;

masilo le ba ba se nang tlhaloganyo

ba nyelela mmogo,

mme khumo ya bona

ba e tlogelela ba sele.

12Diphupu tsa bona

ke tsone matlo a bona ka gale,

ke maago a bona

go ya tshikatshikeng,

le fa ba ne ba taya mafatshe

maina a bona.

13Kana motho ga a nnele ruri

mo bontlengtleng;

o tshwana le diphologolo

tse di nyelelang.

14Ke yona tsela ya ba ba iikanyang

le ya balatedi ba bona

ba ba kgatlhwang ke mafoko

a bona. Sela.

15Ba fologela kwa felong ga baswi

jaaka dinku tlhabong,

loso ke modisa wa bona;

ba tlhamalalela kwa lebitleng,

popego ya bona

e tla nyelela mo mosong,

felo ga baswi

e tla nna boago jwa bona.

16Mme nna,

Modimo o tla golola mowa wa me

mo thateng ya felo ga baswi,

gonne o tla ntshola. Sela.

17O se ka wa boifa,

fa motho a huma,

fa kgalalelo ya ntlo ya gagwe

e totafala.

18Gonne e tla re fa a swa,

a se ke a ye le sepe sa tseo tsotlhe;

kgalalelo ya gagwe

ga e nke e mo sala morago.

19Le fa a ipoka

mo bophelong jwa gagwe

a re o tlhogonolo

– kana batho ba a go boka,

fa o iphelela monate –

20o tla ya

kwa losikeng lwa borraagwe

ba ba se kitlang ba bona lesedi

ka bosakhutleng.

21Motho yo o phelang

mo bontlengtleng,

mme a se na tlhaloganyo,

o tshwana le diphologolo

tse di nyelelang.

Blog
About Us
Message
Site Map

Who We AreWhat We EelieveWhat We Do

Terms of UsePrivacy Notice

2025 by iamachristian.org,Inc All rights reserved.

Home
Gospel
Question
Blog
Help