DIPESALEME 86 - Setswana 1970(TSW70)

Kopo ya go batla thuso

1Thapelo ya ga Dafita.

Morena, ntshekegele tsebe,

o nkutlwe;

gonne ke motlalelwi

le mohumanegi.

2Boloka mowa wa me;

gonne ke boitshepo.

Wena Modimo wa me,

thusa motlhanka wa gago

yo o go ikantseng.

3Intshwarele, Morena;

gonne ke ntse ke kuela go wena

letsatsi lotlhe.

4Itumedise mowa

wa motlhanka wa gago;

gonne ke tsholeletsa mowa wa me

kwa go wena, Morena.

5Gonne wena, Morena,

o molemo le boitshwarelo;

o bopelonomi jo bogolo mo go

botlhe ba ba goelang kwa go wena.

6 Morena, reetsa thapelo ya me,

o tlhokomele lentswe

la mekokotlelo ya me.

7Ke goela kwa go wena

ka letsatsi la tlalelo ya me;

gonne o a nkutlwa.

8Ga go ope mo medimong

o o tshwanang nao, Morena;

ga go na sepe se se tshwanang

le ditiro tsa gago.

9Ditšhaba tsotlhe tse o di dirileng

di tla tla,

di obamela fa pele ga gago,

Morena,

di tlotla leina la gago.

10Gonne wena o mogolo,

o dira dikgakgamatso;

wena o Modimo o le wesi fela.

11 Morena, nthute tsela ya gago

gore ke tsamae

mo boammaaruring jwa gago;

kitlanya pelo ya me gore e boife

leina la gago.

12Morena, Modimo wa me,

ke rata go go baka ka pelo yotlhe

le go tlotla leina la gago

ka bosenabokhutlo.

13Gonne bopelontle jwa gago

bo bogolo mo go nna,

o golotse mowa wa me

mo felong ga baswi,

fa go kwa tlasetlase.

14Modimo, baikgantshi ba ntsogetse;

lekoko la ba ba peloethata

le tsoma botshelo jwa me,

mme ga ba go gopole.

15Mme wena Morena, o Modimo

o o boutlwelo-botlhoko

le boitshwarelo;

ga o fele pelo, o tletse

bopelotlhomogi le boammaaruri.

16Retologela kwa go nna,

o intshwarele;

naya motlhanka wa gago thata

ya gago,

o thuse morwa lelata la gago.

17Dira sesupo sa molemo mo go nna

gore ba ba ntlhoileng ba se bone,

ba be ba tlhajwe ke ditlhong,

ka wena Morena o nthusitse,

o bile o nkgomoditse.

Blog
About Us
Message
Site Map

Who We AreWhat We EelieveWhat We Do

Terms of UsePrivacy Notice

2025 by iamachristian.org,Inc All rights reserved.

Home
Gospel
Question
Blog
Help