DIPESALEME 73 - Setswana 1970(TSW70)

KAROLO YA BORARO, DIPESALOME 73 – 89Tsamaiso e e gakgamatsang ya Modimo

1Pesalome ya ga Asafe.

Ruri, Modimo o molemo

mo go Iseraele,

mo go bona ba ba dipelo di phepa.

2Mme nna, dinao tsa

me di batlile go kgotšwa,

dikgato tsa me di batlile go relela.

3Ke ne ke fufegela baikgantshi

ka go bona letlhogonolo la baikepi.

4Gonne ga ba na matlhoko;

mebele ya bona e itekanetse,

e nonne.

5Ga ba mo tapisegong

ya batho ba bangwe;

ga ba tshwenyege

jaaka batho ba bangwe.

6Ke gona ka moo

mokgabo wa molala wa bona

e leng boikgodiso;

bosetlhogo ba bo apere jaaka kobo.

7Matlho a bona

a rotogile ka monono;

maano a dipelo tsa bona

a a tswelela.

8Ba a sotla,

ba bua patiko ka boikepo;

ba bua ka boikgodiso.

9Ba bua tse di kgatlhanong

le tsa legodimo;

diteme tsa bona

di itaola mo lefatsheng.

10Ke ka moo batho

ba sokologelang kwa go bona,

ba gope metsi a thuto ya bona

ka botlalo.

11Ba re: “Modimo o ka itse jang,

a ruri go na le kitso

mo Mogodimodimong?”

12Bonang, baikepi ba ntse jalo;

ee, ba godisa khumo ya bona

ba ntse ba iketlile.

13Ruri, ke lefelafela

fa ke ntse ke phepafatsa

pelo ya me,

ke tlhapa diatla ka bosenamolato.

14Gonne ke tlhola ke tshwenngwa

ka metlha,

ke watlhaiwa

moso mongwe le mongwe.

15Fa nka bo ke rile,

ke tla bolela jaaka bona,

nka bo ke diretse losika lwa bana

ba gago ka boikanyologo.

16Foo ke ne ka akanya gore

ke tlhaloganye selo se,

ke fitlhela e le matsapa fela,

17ga tsamaya ka tsenelela

ditsamaisong

tse di boitshepo tsa Modimo,

ka lemoga bokhutlo jwa bona.

18Ruri, o ba baya mo mareleding;

o ba leseletsa

go wela mo tshenyegong.

19Kana ba fetoga theregiso

ka tshoganyetso;

ba fele, ba nyelele ka poitshego!

20Wena Morena,

o nyatsa setshwano sa bona,

fa o tsoga, jaaka toro e nyatsega,

fa motho a sena go thanya.

21E rile pelo ya me

e ntse e galakegile

mme ke tlhabegile mo diphilong,

22ka bo ke le lesilo, ke sa itse sepe,

ke le jaaka phologolo fela

fa pele ga gago.

23Mme nna ke ntse ke na nao;

o ntshwere letsogo le le jang.

24O tla nkgoga ka kgakololo ya gago,

mme morago ga moo

o tla nkamogela kwa kgalalelong.

25Ke na le mang kwa legodimong,

fa e se wena?

Fa ke na nao, ga ke kgatlhwe

ke sepe mo lefatsheng.

26Le fa nama ya me le pelo ya me

di ka nyelela,

Modimo ke lefika la pelo ya me,

le kabelo ya me ka bosakhutleng.

27Gonne bona,

ba ba ikgaoganyang le wena

ba tla latlhega;

o nyeletsa botlhe ba ba akafalang

ka go ikepa mo go wena.

28Mme fa e le nna, ke itumela

go nna gaufi le Modimo.

Wena Morena Modimo

o botshabelo jwa me.

Ke tla bolela

ditiro tsotlhe tsa gago.

Blog
About Us
Message
Site Map

Who We AreWhat We EelieveWhat We Do

Terms of UsePrivacy Notice

2025 by iamachristian.org,Inc All rights reserved.

Home
Gospel
Question
Blog
Help