DIPESALEME 17 - Setswana 1970(TSW70)

Thapelo ya go gololwa

1Thapelo ya ga Dafita.

Morena,

utlwa go rapelela tse di siameng,

o tlhokomele go kua ga me;

reetsa thapelo ya me

e e seng ya molomo wa tsietso.

2A tse di ntshiametseng

di tswe mo go wena;

a matlho a gago a lebe ka tshiamo.

3O leka pelo ya me,

o nkeleka mo bosigong,

o a ntlhotlhomisa,

mme ga o fitlhele tse di tlhabisang

ditlhong mo go nna;

le molomo wa me ga o senye.

4Fa e le ditiro tsa batho,

ke ila ditsela tsa mogateledi

ka fa lefokong la molomo wa gago.

5Dikgato tsa me di paleletse

mo metlhaleng ya gago;

dinao tsa me

ga di a ka tsa theekela.

6Ke goela kwa go wena, Modimo;

gonne o a nkutlwa;

ntshekegele tsebe,

o reetse polelo ya me.

7Supa maitshwarelo a gago

ka mokgwa o o gakgamatsang,

wena yo o gololang ba ba ikanyang

letsogo le le jang la gago

mo baganetsing ba bona.

8Mpoloke jaaka thaka ya leitlho,

o mphemele mo moriting

wa diphuka tsa gago,

9o mphemele mo baikeping

ba ba nkgatelelang

le mo babeng ba me

ba ba ntikanyetsang go mpolaya.

10Ba thatafaditse dipelo tsa bona;

ba bua ka melomo ya bona

ka boikgantsho.

11Ba re dikanyeditse

re ntse re tsamaya;

ba re tlhomile matlho

go re digela fa fatshe.

12Ba tshwana le tau

e e gakaletseng go gagola,

le tawana e e laletseng

fa e bobileng teng.

13Nanoga, Morena,

o ba kgatlhantshe,

o ba digele fa fatshe.

Mpholose mo moikeping

ka tšhaka ya gago,

14le mo banneng ka letsogo la gago,

Morena,

le mo banneng ba lefatshe,

ba kabelo ya bona

e leng mo bophelong jono,

ba o tlatsang dimpa tsa bona

lehumo la gago;

bana ba bona ba a kgora,

letlotlo la bona

ba le tlogelela masea a bona.

15Mme nna ke

tla leba sefatlhego sa gago

ke le mo tshiamong,

ke tla kgora setshwano sa gago

mogang ke thanyang.

Blog
About Us
Message
Site Map

Who We AreWhat We EelieveWhat We Do

Terms of UsePrivacy Notice

2025 by iamachristian.org,Inc All rights reserved.

Home
Gospel
Question
Blog
Help