MALEAGI 4 - Setswana 1970(TSW70)

Letsatsi la Morena

le e tla

1“Gonne bonang, letsatsi le e tla le le tukang jaaka leiso, mme botlhe ba ba ikgogomosang le ba ba dirang tsa boikepo ba tla nna dirite; letsatsi le le tlang le tla ba fisa, le sa ba tlogelele modi le e seng kala,” go bua Morena wa masomosomo.

2“Mme lona ba lo boifang leina la me, letsatsi la tshiamo le tla lo tlhabela, le na le kalafo mo diphukeng tsa lone, mme lo tla bolola, lo tlolaka jaaka dinamane tse di tswang mo sakeng.

3Lo tla gataka baikepi, gonne ba tla nna molora ka fa tlase ga dipato tsa dinao tsa lona ka letsatsi le ke le etleetsang,” go bua Morena wa masomosomo.

4“Gakologelwang molao wa ga Moše, motlhanka wa me, o ke o mo laetseng kwa Horebe go nna wa Baiseraele botlhe, e leng ditaolo le ditaelo.

5“Bonang, ke tla lo romela moporofeti Elia, go ise go tle letsatsi la Morena le legolo, le le boitshegang.

6Ene o tla busetsa dipelo tsa borra-bana kwa baneng le dipelo tsa bana kwa go borraabone, e se re gongwe ka tla, ka itaya lefatshe ka khutso.”

MAFOKO A DIKWALO TSA KGOLAGANO E KGOLOGOLO A FELELA FA.

Blog
About Us
Message
Site Map

Who We AreWhat We EelieveWhat We Do

Terms of UsePrivacy Notice

2025 by iamachristian.org,Inc All rights reserved.

Home
Gospel
Question
Blog
Help