JESAYA 43 - Setswana 1970(TSW70)

Modimo o tla golola batho ba ona, o ba itshwarela

1Mme jaanong Morena yo o go tlhodileng, Jakobe, yo o go bopileng, Iseraele, o bua jaana a re:

“Se boife, gonne ke go golotse,

ke go biditse ka leina la gago!

O wa me.

2Fa o tshela metsi, ke na nao;

le dinoka, ga di na go go tsaya.

Fa o ralala molelo, ga o nke

o šwa; kgabo ga e nke e go fisa.

3Gonne nna Morena

ke Modimo wa gago;

nna Moitshepi wa Iseraele

ke mopholosi wa gago.

Ke dirile Egepeto

serekololo sa gago,

ka ntsha Ethiopia le Seba

boemong jwa gago.

4E re ka o kaega segolo

mo matlhong a me,

o le yo o tlotlegang,

yo ke go ratang,

ka moo ke tla ntsha batho

boemong jwa gago le merafe

boemong jwa bophelo jwa gago.

5Se boife, gonne ke na nao.

“Ke tla tlisa losika lwa gago

go tswa kwa botlhabatsatsi;

ke go phutha go tswa

kwa bophirimatsatsi.

6Ke tla raya bokone ke re:

‘Rebola!’

le borwa ke re: ‘Se thibele!’

Tlisa bomorwaake go tswa

kgakala

le bomorwadiake

go tswa bokhutlong jwa lefatshe,

7e bong mongwe le mongwe

yo o bidiwang ka leina la me,

yo ke mo tlholetseng

go nkgalaletsa;

ka mmopa, ee, ka mo dira.

8“Ntshang morafe o o foufetseng,

le fa matlho a le teng;

le ba ba disusu,

le fa ba na le ditsebe.

9A ditšhaba tsotlhe

di phuthege mmogo,

a merafe e kgobokane!

Ke mang mo go bone

yo o ka re begelang tseo?

A ba re utlwise dilo tsa kgale!

A ba ntshe basupi ba bone gore

ba fitlhelwe ba le mo nneteng.

A bone ba utlwe, ba bue ba re:

‘Ke nnete.’ ”

Baiseraele ke basupi ba Morena

10 Morena o bua a re:

“Lona lo basupi ba me,

le motlhanka wa me,

yo ke mo itlhaoletseng,

gore lo itse, lo ntumele,

lo lemoge, fa e le nna.

Ga go a bopiwa modimo ope

pele ga me;

le gona ga go nke go nna ope

morago ga me.

11“Ke nna, ke nna Morena!

Ga go na mopholosi ope

kwa ntle ga me.

12Ke nna yo ke begileng,

ka pholosa,

ka utlwatsa,

go se na modimo o sele

mo go lona.”

Morena o buile a re:

“Lona lo basupi ba me,

mme nna ke Modimo

go tswa bosenatshimologo.

13Le go tswa fano

e tla bo e le nna,

go se na ope yo o ka pholosang

mo seatleng sa me.

Ke tla dira tiro –

e ka thibelwa ke mang?”

Phologo ya Baiseraele kwa Babele

14 Morena, Mogolodi wa lona, Moitshepi wa Iseraele, o bua jaana a re:

“Ke rometse kwa Babele

ka ntlha ya lona,

mme ke tla folosetsa

batshabi botlhe, e leng Bakalatea,

kwa mekorong e ba neng

ba duduetsa mo go yona.

15Ke nna Morena,

Moitshepi wa lona,

yo o tlhodileng Iseraele,

ke Kgosi ya lona.”

16Go bua jaana Morena yo o neng

a ntsha tsela mo lewatleng

le mmila mo metsing a magolo;

17yo o neng a bolotsa dikoloi

tsa ntwa le dipitse le lesomo

la batlhabani le diganka –

ba namaletse fa fatshe botlhe,

ga ba nke ba tlhola ba tsoga;

ba fedile, ba timile jaaka mogala

wa lobone – a re:

18“Se gakologelweng ditirafalo

tsa bogologolo!

Se tlhokomeleng

tse di neng di dirafala kgale!

19Bonang, ke tla dira tse dintšhwa.

Di setse di simologile.

A ga lo di lemoge?

Ee, ke tla dira tsela mo sekakeng

le dinoka mo nageng

e e omeletseng.

20Diphedi tsa naga di tla ntlotla

le diphokojwe le bontšhwe;

gonne ke tla ntsha metsi

mo sekakeng le dinoka

mo nageng e e omeletseng

go nosa morafe wa me

o ke o itlhaoletseng;

21e leng morafe o ke o ipopetseng

gore ba bolele pako ya me.

Boitshwarelo ke eng?

22“Kana wena, Jakobe,

ga o a ka wa mpitsa!

Kana wena, Iseraele,

ga o a ka wa itapisa

ka ntlha ya me!

23Ga o a ntlisetsa dinku

tsa ditlhabelo tsa gago

tse di fisiwang;

ga o a ntlotla ka ditlhabelo

tse di jewang tsa gago.

Ga ke a go imetsa

ka go batla ditshupelo tsa dijo;

ga ke a go lapisa

ka go batla tshupelo ya musi.

24Ga o a nthekela

letlhaka le le nkgang monate

ka madi;

ga o a nkgorisa

ka mafura a ditlhabelo tsa gago!

Nnyaya! O ntshwarisitse makete

fela ka maleo a gago,

wa ntapisa ka melato ya gago.

25Ke nna, ke nna yo ke phimolang

dibe tsa gago;

ke ka ntlha ya me,

fa ke sa tsotelele maleo a gago.

26Nkgakolola, a re sekisanye;

bolela o itshupe, fa o le mosiami.

27Rraago wa ntlha o leofile;

baemedi ba gago ba ikepile

mo go nna.

28Ke ka moo ke itshepolotseng

dikgosana tse di boitshepo,

ka neela Jakobe mo khutsong

ya go latlhega,

le Iseraele mo dikgobong.

Blog
About Us
Message
Site Map

Who We AreWhat We EelieveWhat We Do

Terms of UsePrivacy Notice

2025 by iamachristian.org,Inc All rights reserved.

Home
Gospel
Question
Blog
Help