MORERI 12 - Setswana 1970(TSW70)

1Gopola Mmopi wa gago o sa le mošwa go ise go tle malatsi a a bosula; go ise go atamele dinyaga tse o tla reng ka tsona: “Ga di nkgatlhe,”

2go ise go fifale letsatsi le lesedi le ngwedi le dinaledi, le maru a ise a boe pula e sena go na;

3go ise go tle letsatsi fa badisa ba ntlo ba tetesela; fa banna ba ba thata ba ikoba; fa basidi ba ikhutsa, ka ba le bannye fela; fa ba ba okomelang ka difenstere ba fifala,

4fa go tswalwa mejako e e lebileng kwa mmileng; fa loratla lwa tshilo lo ditibala; fa molodi wa nonyane o didimala, fa dikopelo tsotlhe di sa tlhole di utlwala;

5fa motsofe a tshaba mapalamo le ditherego tse di mo tseleng, fa mokgofa o thunya; fa tsie e totoba ; fa keletso ya go ja e tlhokafala. – Gonne motho o tla ya kwa ntlong ya gagwe e e sa khutleng; ba ba mo lelelang ba tla kgarakgatshega mo mmileng. –

6Go ise go kgaolwe mogala wa selefera, le sejana sa gouta se ise se senyege le nkgwana e ise e thubege kwa motsweding le segelelo se ise se robegele mo sedibeng.

7Lerole le tla boela mo lefatsheng jaaka le ne le ntse. Mme mowa o tla boela kwa Modimong, kwa o ne o tswa teng.

8Moreri a re: “A boithamako jwa maithamako! Dilo tsotlhe di a fela!”

Mafoko a kakaretso

9Moreri yoo o ne a se botlhale fela; le gona o ne a ruta batho kitso, a akanya, a tlhotlhomisa, a tlhaba diane tse dintsi.

10Moreri o ne a batla gore a bone mafoko a a natefang le go kwala mafoko a boammaaruri sentle.

11Mafoko a batlhalefi a tshwana le mašwane. Diane tse di phuthilweng di tshwana le dimapo tse di kokotetsweng. Di tswa mo modiseng a le mongwe.

12Le gona ngwanaka, nte ke go tlhagise! Go kwala dikwalo tse dintsi ga go khutle, mme go ithuta thata go lapisa mmele.

13A re utlweng kakaretso ya mafoko otlhe! Ke e: Boifa Modimo, o tshegetse ditaolo tsa ona! Gonne seo se laetswe batho botlhe.

14Gonne Modimo o tla isa tiro nngwe le nngwe mo tshekong, o atlhola tsotlhe tse di fitlhegileng, le fa di le molemo gongwe bosula.

Blog
About Us
Message
Site Map

Who We AreWhat We EelieveWhat We Do

Terms of UsePrivacy Notice

2025 by iamachristian.org,Inc All rights reserved.

Home
Gospel
Question
Blog
Help