DIPESALEME 28 - Setswana 1970(TSW70)

Thapelo ya go gololwa

1Pesalome ya ga Dafita.

Ke tlhaeleletsa kwa go wena,

Morena;

se ntidimalele, lefika la me,

e se re gongwe fa o ntidimalela,

ka nna jaaka bona ba ba fologelang

kwa felong ga baswi.

2Utlwa lentswe

la mekokotlelo ya me,

fa ke goela thuso kwa go wena,

fa ke tsholeletsa mabogo

kwa tengteng ga

Felo-fa-go-Boitshepo ga gago.

3Se nkgogoreletse le badiradibe

le basiamolodi ba ba buang kagiso

le bangwe-ka-bona,

etswe bosula

bo le mo dipelong tsa bona.

4Ba nee ka fa ditirong tsa bona

le ka fa bosuleng

jwa ditiro tsa bona;

ba nee ka fa ditirong

tsa diatla tsa bona,

ba busetse se ba se dirileng.

5E re ka ba sa tlhokomele

ditiro tsa Morena

le e seng tiro ya diatla tsa gagwe,

o tla ba rutla,

mme ga a kitla a ba aga gape.

6A Morena a a bakwe;

gonne o utlwile lentswe

la mekokotlelo ya me.

7 Morena ke thata ya me

le thebe ya me;

pelo ya me e ne e mo ikanya,

mme ka thusega;

ka moo pelo ya me e a duduetsa,

mme ke mo leboga ka sefela sa me.

8 Morena

ke thata ya morafe wa gagwe

le botshabelo jo bo pholosang

jwa motlodiwa wa gagwe.

9Thusa batho ba gago,

o tshegofatse boswa jwa gago,

o ba fudise, o bo o ba belege

go ya bosakhutleng.

Blog
About Us
Message
Site Map

Who We AreWhat We EelieveWhat We Do

Terms of UsePrivacy Notice

2025 by iamachristian.org,Inc All rights reserved.

Home
Gospel
Question
Blog
Help