DIPESALEME 6 - Setswana 1970(TSW70)

Thapelo ya boikwatlhao mo pitlaganong e kgolo

1Pesalome ya ga Dafita e e kwaletsweng moopedisi; e opedisiwe ka kwadi ya dithapo, e na le kodu ya moporo.

2 Morena,

se mpetse ka bogale jwa gago,

se nkwatlhae o gaketse.

3 Morena, intshwarele:

gonne ke swabile.

Morena, mphodise;

gonne ke remegile marapo,

4mowa wa me le ona

o reregile thata;

mme wena, Morena,

o tla nna goleele go le kae?

5Boa Morena,

o pholose botshelo jwa me,

o nthuse ka ntlha

ya bopelotlhomogi jwa gago.

6Gonne mo losong ga o gopolwe;

ke mang yo o tla go lebogang

kwa felong ga baswi?

7Ke lapile ka go fegelwa ga me,

ke edisa bolao jwa me

bosigo bongwe le bongwe,

ke kolobisa phate ya me

ka dikeledi tsa me.

8Leitlho la me

le fifaditswe ke bohutsana,

le onetse ka ntlha ya baganetsi

botlhe ba me.

9Ntlogeleng lona lotlhe

badiratshiamololo;

gonne Morena o utlwile

lentswe la selelo sa me.

10 Morena o utlwile

mekokotlelo ya me,

Morena o amogela thapelo ya me.

11Baba ba me botlhe

ba tla tlhajwa ke ditlhong,

ba tshoga thata;

ba tla boela kwa morago,

ba tlhajwa ke ditlhong

ka tshoganyetso.

Blog
About Us
Message
Site Map

Who We AreWhat We EelieveWhat We Do

Terms of UsePrivacy Notice

2025 by iamachristian.org,Inc All rights reserved.

Home
Gospel
Question
Blog
Help