DITIRO 18 - Setswana 1970(TSW70)

Paulo kwa Korinthe

1Morago ga tseo Paulo a tloga kwa Athene, a ya kwa Korinthe.

2A fitlhela Mojuta mongwe teng yo leina la gagwe e leng Akwila, e le yo o tsaletsweng kwa Ponto, yo e leng gona a tswang kwa Italia, a na le Perisila mosadi wa gagwe; ka gonne Kelaudio o ne a laotse gore Bajuta botlhe ba tloge mo Roma, mme Paulo a ya kwa go bone.

3Mme ya re ka a le wa tiro nngwe fela nabo, a nna nabo, mme ba dira. Tiro ya bone e ne e le go dira ditente.

4Paulo a fetolana le batho mo senagogeng ka Sabata mongwe le mongwe, a kgona Bajuta le Bagerika.

5E rile Silase le Timotheo ba tswa kwa Maketonia, Paulo a tlhagafalela Lefoko, a tiisetsa Bajuta gore Jesu ke Keresete.

6Ya re ba ganetsa, ba kgala, a ikudubatsa diaparo, a ba raya a re: “A madi a lona a wele ditlhogong tsa lona! Nna ke itshekile; go tloga jaanong ke tla ya kwa baheitaneng.”

7Mme a tloga teng, a ya mo ntlong ya mongwe yo leina la gagwe e leng Titio Juseto, e le yo o boifang Modimo, yo ntlo ya gagwe e bapileng le senagoge.

8Kerisepo, mogogi wa senagoge, a dumela mo Moreneng le botlhe ba lelapa la gagwe; le Bakorinthe ba le bantsi, ya re ba utlwa, ba dumela, ba be ba kolobediwa.

9Morena a raya Paulo bosigo ka pono a re: “O se ka wa boifa; bua fela, o se ka wa didimala!

10Gonne nna ke na nao, mme ga go ope yo o tla go tlhaselang go go direla bosula; gonne ke na le batho ba bantsi mo motseng o.”

11Mme a nna teng ngwaga le dikgwedi tse thataro, a ruta Lefoko la Modimo mo go bona.

Go latofadiwa ga Paulo fa pele ga Galeo

12E rile Galeo e le molaodi wa Agaya, Bajuta ba tsogela Paulo ka bongwefela jwa pelo, ba mo isa kwa lekgotleng

13ba re: “Motho yo, o kgona batho gore ba direle Modimo ka mokgwa o o thulanang le molao.”

14Ya re Paulo a re o tumolola molomo, Galeo a raya Bajuta a re: “Bajuta ke lona, fa e ka bo e le tshiamololo gongwe tiro ya bolotsana, nka bo ke lo itshokela ka fa tshwanelong ya teng.

15Mme fa e le dikgang ka ga thuto le maina le molao o e leng wa lona, tsona tseo di iponeleng ka losi; ga ke rate go nna moatlhodi wa dilo tseo.”

16Mme a ba leleka mo kgotleng.

17Jaanong botlhe ba tshwara Sosethene, mogogi wa senagoge, ba mmetsa teng mo kgotleng; mme Galeo a se ka a re sepe ka ga dilo tseo.

Leeto la ga Paulo la go boela kwa Antiogia le go bolola gape

18Paulo a fela a tlhola malatsi a se kae teng; ke fa a sadisa bakaulengwe sentle, a tswa teng ka mokoro, a ya kwa Siria, a na le Perisila le Akwila; a bile a ipeotse tlhogo mo Kenegerea; gonne o ne a dirile maikano.

19Ba fitlha kwa Efeso, mme a ba tlogela teng. Ene a tsena mo senagogeng, a fetolana le Bajuta.

20Ya re ba mo kopa gore a tlhole nabo malatsinyana, a se ka a dumela,

21mme a ba sadisa sentle a re: “Kana ke tshwanetse go nna mo moletlong o o tlang kwa Jerusalema. Ke tla boela kwano go lona, fa Modimo o rata.” Mme a tloga mo Efeso ka mokoro.

22Ya re a sena go fitlha kwa Kaisarea, a tlhatlogela kwa Jerusalema, a dumedisa phuthego, a ba a ya kwa Antiogia.

23Ya re a sena go nna sebaka teng, a tloga, a ralala lefatshe la Galatia le la Feregia ka go tlhomoganya mafelo, a tiisa barutwa botlhe.

Apolo kwa Efeso le kwa Korinthe

24Jaanong Mojuta mongwe yo leina la gagwe e leng Apolo a fitlha kwa Efeso; o ne a tsaletswe kwa Aleksanteria, e le monna yo o rutegileng, yo o nonofileng mo Dikwalong.

25Monna yo, o ne a rutilwe Tsela ya Morena, mme a bua ka go tuka mo pelong, a ruta ka kelelelo ka ga Jesu, mme kolobetso o ne a itse ya ga Johane fela.

26Ene a simolola go bua ka phuthologo mo senagogeng. Mme ya re Perisila le Akwila ba mo utlwa, ba mo itseela, ba mo phuthololela tsela ya Modimo ka kelelelo e e fetisang.

27Ya re a rata go fetela kwa Agaya, bakaulengwe ba mo nametsa, ba kwalela barutwa gore ba mo tshole. Ya re a sena go fitlha, a thusa thata ba ba dumetseng ka bopelotlhomogi jwa Modimo;

28gonne o ne a fenya Bajuta ka nonofo mo pepeneneng, a supa ka Dikwalo gore Jesu ke Keresete.

Blog
About Us
Message
Site Map

Who We AreWhat We EelieveWhat We Do

Terms of UsePrivacy Notice

2025 by iamachristian.org,Inc All rights reserved.

Home
Gospel
Question
Blog
Help