JEREMIA 47 - Setswana 1970(TSW70)

Taelo ya Modimo ka ga Bafelesita

1Lefoko la Morena le le tlileng kwa go moporofeti Jeremia ka ga Bafelesita, Farao a ise a thope motse wa Gasa.

2Morena o bua jaana a re:

“Metsi ke ao,

a tlhaga a tswa kwa bokone.

E tla nna noka e e gogolang.

E tla gogola lefatshe

le tse di tletseng mo go lone,

le motse le ba ba agileng

mo go ona.

Go tla goa batho,

go bokolela botlhe

ba ba agileng mo lefatsheng.

3Fa go utlwala mesito ya ditlhako

tsa dipitse tsa gagwe

le go kgothosela ga dikoloi

tsa gagwe le modumo

wa maotwana a tsona,

borra-bana

ga ba kitla ba gadima bana,

gonne ba repile mabogo

4ka ntlha ya letsatsi le le tlang

go senya Bafelesita botlhe

le go nyeletsa masalela otlhe

a a ka thusang Tiro le Sitone.

Gonne Morena o tla senya

Bafelesita ba e leng masalela

a setlhakatlhake sa Khafethore.

5Gasa o kutilwe tlhogo,

Ašekalone o sentswe,

le masalela a leboa la bone.

O tla iphatsa go fitlha leng?

6Ao, tšhaka ya Morena!

O tla tlhoka boikhutso

go fitlha leng?

Itshomele mo kgatleng ya gago,

ikhutse o nne!

7Fela e ka ikhutsa jang,

ka Morena a e rometse go senya

Ašekalone le losi lwa lewatle,

a e lebisitse teng?”

Blog
About Us
Message
Site Map

Who We AreWhat We EelieveWhat We Do

Terms of UsePrivacy Notice

2025 by iamachristian.org,Inc All rights reserved.

Home
Gospel
Question
Blog
Help